Naledi

Karakubis o tsosolosa ngwao

Veronica Diva Vebrok Brooks
 
Veronica Diva Vebrok Brooks

Se ke se se tla diragalang kwa Gantsi jaaka moopedi yo o tumileng Veronica Diva Vebrok Brooks  le Segametsi ba rulagantse moletlo mogolo wa go tsosolosa ngwao ya Karakubis.

Erile a bua le Naledi  maabane, Diva Vebrok a re ka e le motho yo o ratang ngwao ka a godisitswe ke batsadi ba ba itlhaloganyang, o eletsa go bona ngwao ya kwa a tswang teng e tswelela e tshelela pele, a re mme go nna fela jaana fa go tshwarwa meletlo e tshwana le o ba o rulagantseng o.

A re morafe wa Karakubis o na le ditso di le dintsi thata, eleng seo ene le mokaulengwe wa gagwe ebong Segametsi ba boneng go le botlhokwa thata go thusa morafe go ikgata motlhala go anapa masalela a segabone.

Moopedi yo a re o santse a gakologelwa mafoko a tautona wa pele wa lefatshe la Botswana, Sir Seretse Khama a a reng ‘tshaba e se nang ngwao ke mo ka e suleng,’mafoko a a reng o bone go le botlhokwa gore a seka a wela mo ditsebeng tse di tletseng ditshoka. A bua fa batho ba le ba ntsi ba rata go dirasa mafoko fa ba bua, mme go se na bosupi jwa ditiro mabapi le one, a re ene le Segametsi ga ba eletse go bona ngwao le ditso tsa bone di nyelela ba lebile.

Moletlo mogolo o, Vebrok o boletse fa a tla a tsaya malatsi a le mabedi, o a reng o simolola ka Ngwanatsele a le masome mabedi go fitlha ka masome mabedi le bongwe, a re se ke go naya sebaka batsaya karolo botlhe go supa se tota ba itseng e le segabone. Setlhogo sa letsatsi le ke ‘Tsosoloso Ngwao ya Karakubis’,

Gareng go ditiragalo tsa moletlo mogolo, Diva Vebrok a re go tla a bo go buiwa ditso tsa motse le ngwao ya morafe wa Karakubis, go tloga fela ka Setlharo / Serolong, Seherero, Sesarwa, le Sengologa, fa dijo le tsone e tla a nna tsa ngwao ya Karakubis.