Blogs

A re go ja eng? (4)

E a re ka le le latelang, kana, a a latelang, di latlhelwe dijokwe, di lelediwe foreselaga o tsweledisiwe. Fela jalo, le rona e tlaa re gompieno re di pege dijokwe, re di tlhabe ka foreselaga go tsweledisa mosepele wa rona wa go ja…..

Go di wetsa tsela re re, a nne a tle a se natetshe, a se loise Setswana Motswana mme a re go na le go ja tlhogo. A raya eng? Go bua jalo a bo a raya go akanya thata, mogopolo o kgarakgatshega, o tlolaka, o ya kwa le kwa. Gone fa, a re tseye sekai re re, meraka ya Tlalolakgama ke eo e tlhasetswe ke ditau. Koo, ga e je e a rutha tau. Maabane fa basimane boora Dialelo ba sa ntse ba re ba tlaa ya go phutha, ke tseo tsa tla di tabogile tsa ba tsa itlhatlhela. Go bona se, basimane ba ema go ya go di gopola. Ke gore, go ya go bona gore a di gorogile tsotlhe, a di mmogo. Fa ba di tshela matlho ba fitlhela dikgomo di le tlhano, e le dinamagadi di le tharo, le ditonanyana di le pedi, di se yo. Ga bonala gore e laletse ka tsone tau. Ba sena go bona se, ke bao ba ya go begela rraabone se ba se bonyeng mme ya se ka ya nna mafoko a a monate mo go ene. One mme a ka nna monate mo go mang? Ga go ope.

Ke leo letsatsi la se ka la gana. La feta, la wela, jwa tsena bosigo. A ya go latsa tlhogo fatshe mme a lala a sa  bo bona a ipotsa gore o ka leba lefatshe ntlha efe; a tshabela ditau tse kae. Mogopolo wa tla wa re a lebe Phukatsantshe. A nyatsa Phukatsantshe ka a bona go le kgakala e bile go se na phulo e ntle. 

A tlhobogile Phukatsantshe, a leba Gatalankwe. Ga twe nako ele, barui ba thota eo ba ne ba ema ka dinao ba mo lwantsha nkwe,  a ba a tswa a siya. Ke gone fa thota eo e tlaa bidiwa Gatalankwe. Mme jaanong go bolelwa a boetse nkwe a rutha fela jaaka ngwageng tsele. Go ntse jaana Dialelo a nna a bona Gatalankwe le ene e le naga e sele fela. Fa mogopolo o ntse o ya kwa le kwa, a gakologelwa Bolalakgori. Dialelo a bona koo e ka nna gone botshabelo ka gore ene Bolalakgori, mong wa leina, e leng mogobe, o tshwara metsi thata. Fa pula e ka tshologa, a tlala, di fetsa ngwaga di wela. Go ntse jalo a bona tsela e tshwanetse go leba Bolalakgori. Mogopolo wa wela foo. Jwa feta bosigo, la tlhaba.

Bo sena go sa a bitsa basimane a ba lebisa mogopolo wa go hudugela Bolalakgori le mabaka a one. Go bona e le one mogopolo tota ba dumalana nae. Kgang ya wela e le gore e tlaa re go ise go ye gope, di lelediwe molodi, di tlhajwe ka moretlwa, di wele tsela, di lebe Bolalakgori. Jaanong e le yoo a letse a sa robala Dialelo a kgarakgatshega mogopolo, a ipotsa gore o ka tshabela ditau kae Motswana o tlaa re o ne a lala a a ja tlhogo; ke gore a akanya thata.

E re a ntse a loisa Motswana gape a re go na le go ja nkabo. Gone fa, bangwe lefoko le ba se ke ba le bitse sentle. Go na le gore ba re nkabo jaaka o bona, ba re nkabu. Mo, e bo e se gone. Gape a re go lemotshe gore lefoko nkabo ke khutswafatso ya ke ka bo; le e ka bo.

Mme gone go ja nkabo go bo go raya eng? Go ja nkabo go raya go gakwa, go lebala. Re a tle re nne re utlwe go twe Modimo ga o je nkabo. Go rialo go raya gore Modimo ga o re o dira o gakwe, o lebale. O dira dilo tsotlhe ka tshwanelo, ka tlhamalalo. Mme gone fa, go tswe maina a bana. Ngwana mongwe go twe Gaogakwe (Modimo) yo mongwe go twe Gaolebale. Le lengwe gape le tlatse ao le re Gaofose e le gone gore ga e re Modimo o dira o gakwe, o lebale, o dire sepe se se maswe, kana se sa tshwanela go dirwa.

Go le jalo, re itse gore rona re le batho ga e re ka nako tsotlhe fa re dira, dilo di nne jaaka re batla. Motlha mongwe re ka gakwa, ra lebala, kana ka tsela nngwe ra kgorelediwa ke sengwe.  Gone fa, a re tseye sekai re re tsatsi lele fa Thitelwana a sena go tsena kwa ga Osesane ba nna fatshe ba itekodisanya. Ka go ne go sale moso, tsa tla dijo ga fitlholwa dikgang le tsone di ntse di le foo.

Fa go ntse go tsweletse, Osesane ke yoo a re ‘Aa, kana nkabo (ke ka bo) ke setse ke file dikoko jaanong o bua thata ngwanyana ke wena.’

Gone fa,  go bonale sentle gore Osesane o ne a tshwanetse go ya go fa dikoko mme a lebadiwa ke dikgang ka tsala ya gagwe ke yoo o bua thata. Go ntse jaana e nne gone go ja nkabo fela jaaka o utlwa Osesane a re ‘…..nkabo….’

Mme gape, o ka a ja nkabo o kgorelediwa ke sengwe. Osesane o ka eletsa go apaya kabu mme o fitlhela mmidi o se yo. Gone fa o tlaa re ‘Nkabo ke apeile kabu mme ka tlhoka mmidi.’ A bo a ntse a jele nkabo Osesane.