Blogs

A re go ja eng? (5)

Fa e ranolwa go twe tsela; Go twe motho o a tle a tseye mosepele, ke gore a tswe, a ya go lo gongwe mme a goroge koo.

A gorogile, go ya ka thamalakane, e bo e le gone fa a lapile tsela yone e ntse e tswela pele. Mme le rona re bona mosepele wa rona wa go ja…. e le sone sebagana seleele. Ka ke o, ga o wele, o ntse o fetela pele, jalo he e tlaa re le gompieno di latlhelwe dijokwe, mosimane a tshware teu, yo mongwe a di tlhabe ka foreselaga (voorslag) mosepele o nne o tswelele.

Mosepele o tswele pele mme Motswana a re go na le go ja magala. E le afe? E se a molelo a dikgong tsa manato le motswere. Ao, a ka go thuba meno, a go tshuba legano le loleme wa sala o se na nalo. Mme fa e se ao, go ja magala, go bo go raya eng? Go raya go gakala, go galefa thata go tshwane fela le go ja motho nko e sa butswa.

Gone fa, e le sekai, a re boele fa morago fa le re re, maloba re ne ra bona Pupudu a etetse Tsotsojane, a mo jetse nala. Ke bao ba tlhola mmogo go jewa, go nowa, go le monate thata. Go bo go ne go ka tlhoka jang go nna monate? Ga go na. Ba le ditsala tse dikgolo jalo fa ba tlhobogana, ba kgaogana, Motswana a re matlhape a baratani a tlhanogetse nageng.

A go ka nna jalo ka Pupudu le Tsotsojane, ga re itse. Fa le setse le hulara, Pupudu a laela a re, ‘Tsala ke ile jaanong ke batla go gopola ngwana.’Tsotsojane ene a re, ‘e go nele tseleng’ Pupudu a araba ka mafoko a gale a re, ‘Ke tlaa tsamaya sentle tsala.

Ga le ke le gana, le tlaa bowa le tlhaba gape, re tlaa bonana.’ Go utlwa mafoko a, a tshegatshega Tsotsojane. Ke yoo a wela tsela Pupudu a ya go goroga mme a fitlhela tsotlhe di siame go se ope molato. Le fa go ntse jalo re ne ra bona bosigo joo Pupudu a lala ka pelo e e botlhoko a sa sunetsa sepe a sa itse gore toise e tsenye ka lefe lenga la seloko. Gape, jaaka re ne ra bona, la ka moso la tlhaba, a tlolaka a e batla mme toise ya nna ya re o ne o mpeile ke le fa kae?

A e batlile a e tlhokile, Pupudu a felela a belaela gore toise e setse kwa ga Tsotsojane mme a roma ngwana go ya go e tlhola koo. Lone tsatsi le le, re ne ra utlwa e re Thulana a tswa ka kgoro mmaagwe a bo a mo tlhaeletsa a re, ‘Ngwana ke wena o tsose dinao o itse gore ke letse fela ke tsogile fela.’ Ka go tsosa dinao a raya gore ngwana a itlhaganele. A tsamaye a bo a bowe go ise go ye gope. Ga nna jalo.

A tswa Thulana. Gone foo a bo a bile a goroga ka toise. Le fa go ntse jalo, ka pelo e ne e thunya, nko e batla go sunetsa. Pupudu ene a bona ngwana a diegile. A mo gakalela thata a ba a solofetsa go mo ja ka moretlwa.

A gaketse jalo, a galefile mo go kalo. Motswana o tlaa re Pupudu o ne a ja magala, a jela ngwana magala. A bo a a jele magala mme a sa ja a a molelo, monato, motswere le mophane. Mosepele o nne o tswele pele mme se sengwe sekapuo se re go na le go ja semenogane.

Moo e le eng? Go araba re re nako nngwe, o ka buisanya wa dumalana le mongwe, kgotsa, tsala gore lo tlaa dira sengwe. Lo dumalanye, go name go eme foo. Ka nako yone ga e ke ema, e goroge ya gore lo dire jaaka lo ne lo bua lwa ba lwa dumalana.

Gone fa e re o solofetse gore lo tlaa goga, kana, gata mmogo yole a tle ka a sele mafoko mme go felele a tsere e sele tsela o sale foo o le nosi. Go tlatsa se, a re tseye sekai re re, e re le ntswa pula e nele, mogobe wa Dikgarubane ga o ise o tsene sepe. Jalo he, basimane ba ga Diphuthelo wa Nakatsatshepe, ba batla go tsoga ba ya go nosa kwa Boleladigwagwa. La phirima ba ya go robala. Bosigo a robetse Kgagana a bona mosepele wa go ya Boleladigwagwa le go bowa koo o le moleele thata e bile o ka mo lapisa ka ga a ke a tsamaela gope kgakala. Jwa a sa, tsa neelwa.

Ke gore ga gangwa. Di sena go neelwa, Kgakana a raya Kgagana a re, ‘A re je di tle di wele tsela.’ Kgagana a re, ‘Rra leka o le nosi. Ga ke ke ke kgone. Tlhogo ga e ope e a ratha. Kgakana a mo leba, a bona se e se nnete mme a se ka a itsenya dingalo. A di ntsha tsa wela tsela a sala foo Kgagana. Go ntse jaana, Kgagana a tlhanogetse Kgakana. Ke gone Motswana a tlaa reng Kgagana o ne a ja semenogane. Go raya gore o ne a menogela, tlhanogela, kana a fetogela se a neng a se dumalane le Kgakana.