Naledi

CELIAT e thatafaditse liki ya BTTA � Motswagole

Motswagole a re metshameko yotlhe e tlhokana le thotloetso ya madi le dithoto tse di dirisiwang mo go yone, a re fela jalo le thenese e tshwanetswe go engwa nokeng gore e tle e kgone go gola la bofefo jo bo eletsegang. A bolela gore fa motshameko o na le thotloetso, batho ba tshwanetse go tlhalogana gore batsamaisi le batshameki ba tiya moko thata, mme ba dire ka natla ka ba bona go na le bangwe ba ba tsayang tsia.

Pele ga kompone ya CELIAT e tsena mo motshamekong o go o rotloetsa, go ne go se bonolo go ka simolola liki ya one, a bolela gore keletso ya go dira jalo e ne e ntse e le teng, bothata fela e gone go tlhoka kompone e e ka ba thusang. Bogolo jang ka madi a go ka atswa batshameki fa liki e fela, ka tota ka boammaaruri bafenyi ba tshwanetse go ja mofufutso wa diphatla tsa bone, eleng seo a reng kompone e ya CELIAT e tsile ka nako e e maleba.

Mogolwane Motswagole a re liki ya ngwaga e e fetileng, e e neng e le ya ntlha ya lekgotla la bone, e ne e le thata ka batshameki ba ne ba supa gore ke mekaloba ya motshameko o jaaka ba ne ba lwa dintwa tse di thata go gwetlha bosimega.

Ka go ne go tshwanetse ga nna le bafenyi mo matlhakoreng otlhe, eleng a banna le basadi, go ne ga bonala sentle gore mo letlhakoreng la banna, Bonolo Mabote o ne a le thata ya lentswe, ka ntlha ya se a felela e le ene tshimega ya ngwaga e e fetileng, fa basadi bone ba ne ba digiwa botlhoko ke Maitshwarelo Butale go nna ene ya tshimega.