Naledi

Fire Ministries e lorile

Kereke ya Share the Fire, dikgwedinyana pele ga ee sha SENEPE: EDWARD PEKENENE
 
Kereke ya Share the Fire, dikgwedinyana pele ga ee sha SENEPE: EDWARD PEKENENE

Ka lone letsatsi leo batho ba ne ba kokoanye ba lebile ka kutlobotlhoko jaaka kereke ya Share The Fire e jewa ke molelo o bangwe bareng ke wa diphera, o go sa itseweng gore tota o ka tswa kae.    Ba ne ba le mo bohutsaneng jo bogolo go bona ntlo ya ga Jehofa e peperetla jalo go fitlha e wela ka ntlha ya molelo o o neng o le bogale. Naledi, e ne e le fa gare ga bone ya ba ya utlwa ba bua ba sa sebe gore ba belaela fa kereke e tshubilwe ke saatane ka bomo go supa gore ntwa ya gagwe le Modimo ga e kitla e fela motlhofo.

Ba re ba belaela gore ka ntlha ya gore mo malatsing ano dikereke di runya ka bontsi jo bo gakgamatsang mo Letlhakane, saatane o ka tswa a shakgetse thata, ka a lemoga gore balatedi ba gagwe ba a fokotsega mme ba ikanya Ramasedi a poloko.  “Mo ke ditiro tsa ga saatane. O a bo a simolotse kana o bona gore bontsi jwa batho ba Zowa ba tsena dikereke? Yo ke saatane yo o maoto mararo yo o mogatla moleele, yoo tshubile kereke tsatsi leno!” ga bua mosadi mongwe ka kutlobotlhoko.

Naledi e ne ya buisanya le mongwe wa bogogi jwa kereke yo o neng a filwe marapo a go dira jalo lke moruti. Rre Thabiso Tlhong a re e ne e le ka makuku a naka tsa kgomo, fa a ne a lelediwa ke leloko lengwe la kereke le re le utlwaletse fa kereke ya bone ee sha.

A re o ne ka bofefo a kgweetsa koloi go ya koo mme ya re fa a le mo tseleng a amogela molaetsa o mongwe go tswa kwa komponeng ya itshireletso ya Security Systems, a mo tlhalosetsa gore kereke e a sha. Tlhong a re o fitlhetse ntlo ya kereke e peperetla ke molelo. A re o ne a  itsise ba sepodisi ba le bone ba neng ba fefoga ka go leletsa ba lekalana la ditimamolelo kwa Orapa go tla go thusa.  Le fa go ntse jalo, a re ga go sepe sa dithoto tsa kereke se se kgonneng go falodisiwa mo molelong oo. O boletse gore

tlhwatlhwa tsa dithoto tse di sheleng di e tshwara madi a a kanang ka P60,000-00 le go feta. A re dithoto tseo di akaretsa ditilo di feta 160, khomputara, diletswa le tse dingwe.

A re ga ba itse gore molelo o ka tswa o bakilwe ke eng ka gonne dinako tsotlhe fa ba tswa mo kerekeng ba tima didirisiwa tsotlhe tsa motlakase mme ba tlogele dipone fela.

A re ka letsatsi leo go ne go le diphefo le mosarasarane wa dikgadima. Ka jalo ga a itse gore a kereke e ka tswa e iteilwe ke lagadima.

E rile fa Naledi e mmotsa gore a tota ga baa loiwa kgotsa ba tlhaselwa ke saatane a araba ka gore, “Ga re dumele mo boloing. Mabapi le saatane nka go raya fela ke re re tshwana le Jobe, re ikanya Modimo thata go fenya dikgwetlho. Se se re diragaletseng se tlaa re tiisa mo tumelong”.

E re dikgang di eme jalo, mookamela mapodisi a Letlhakane, Superintendent Michael Maphephu, yo le ene a tswang go bona tiragalo, o boleletse Naledi gore ditlhotlhomiso tsa bone di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile molelo oo.

A re mapodisi a gagwe a ne a tsibogela seo mme a kopa ba ditimamolelo kwa Orapa go thusa. Share The Fire e ne e hirisitse dikago tsa mogwebi mongwe yo o tumileng ebong Rre Balesi Moalosi.