Naledi

VDC ya Serowe e lela ka leswe

Makgalemele a tsaya megopolo SENEPE: ZOLANI KRAAI
 
Makgalemele a tsaya megopolo SENEPE: ZOLANI KRAAI

O supile ka monwana setshaba ka kakaretso, badirelapuso le bagwebi go bo ba na le seabe mo go kgotlelesegeng ga tikologo. Kennekae o boletse gape fa a sa itumedisiwe ke seemo se se jwelelelang pele sa go epiwa ga mmu mo mafelong a go sa letlelelweng go dira jalo teng, tota le mo dinokeng, mme go sena diteseletso.

Kennekae o supile gape matshwenyego ka ditiro dingwe tse khansele e di abelang Ipelegeng, a bolela fa VDC e na le bokgoni jwa go aga le go tlhokomela dikago tsa matlo a boithomelo, le ditsela tse dirisiwang ke batho ba dinao. “Ka jalo Tona, fela jaaka re na le bokgoni jwa ditiro dile mmalwa, re lopa jalo go fiwa tsamaiso ya go phephafatsa tikologo,” Kennekae a rialo.

Ya re a kgwa Kennekae dikgaba, Tona Makgalemele a tlhalosa fa go se thona gore komiti ya VDC le khansele ya Legare di ka tshwaraganela methale ya go tlhamela Batswana ditiro. Makgalemele a re mehama yoomebedi e tshwanetse ya tla ka methale e e ka akaretsang bagwebi le makgotla a a ikemetseng ka nosi go bula dikgwebo le go tlhama ditiro. “Seabe sa mohama o o ikemetseng ka nosi se botlhokwa mo go tlhamelang Batswana ditiro mme ka jalo a re thulanyeng ditlhogo mme re dire jalo ka moono wa go tswakatswakanya itsholelo ya lefatshe leno le ya Batswana,” Makgalemele a lopa Bangwato jalo.

Phuthego e e ne ele nngwe ya metseletsele ya dingwe tse Makgalemele a tsamayang a tlhalosetsa Batswana ka ditlamelo tse di abiwang ke lephata la gagwe, di akaretsa tsa nyeletso lehuma le tsa go ema nokeng banalebogole. Phuthego e ne tsenywe magareng ga boeteledipele jwa motse, Serogola Seretse, yo eleng Mothusa Kgosi kwa kgotlengkgolo ya ga Mmangwato e bile a ne a tshwareletse Motshwarelela bogosi jwa Gammangwato.