Naledi

Basadi ba ganela banna ka �motlakase�

Ba THC Foundation erile go bona banna ba tsholola dikeledi ba lemoga gore ba ora molelo wa dikgong tsa motswere oo fisang thata. Kwa dithuto-puisanyong tsa lekgotla la THC Foundation kwa Mochudi, banna ba ne ba mena diphatla ba bolela fa ba utlwang thata ka fa eleng bakgokgontshi ba basadi ka teng. Ba re go mekgatlho e le mentsi ee sotlang banna le go ba bitsa maina fela a letlhoo. Ba re fa go

tshwarwa se, banna ba kgokgontsha basadi, go tshwarwe gape, e nne yone puo e le ya gore banna ba bogisa basadi le go ba bolaya.

Banna ba ba re, le fa ba ka se ganetse gore banna bangwe ba kgokgontsha basadi, setshaba se tshwanetse go itse fa basadi bangwe le bone ba di goga kwa pele mo go kgokgontsheng le go bogiseng setlhogo banna ba bone. Ba tlhalositse  fa basadi ba mofuta o ba sena sepe gore ba dira jaana fa kae gona le mang.Bare bangwe ba basadi ba go nna jaana ba kgona go sotlaka banna fela mo pepeneneng. Bare ka dinako dingwe banna ba kgona go ikoka matsadi a go golafadiwa ke basadi.

Kgokgontsho e ya basadi mo banneng go boletswe fa e le setlhogo go gaisa ya banna mo basading. Banna ba boletse fa ba hakgamadiwa ke go bona go sa buiwe ka yone gotlhelele. Mme ba re se ke sesupo sa gore mekgatlho ya bong ke ya basadi gona le banna.

Banna ba ne ba leboga botlhe ba ba neng ba ba akaretsa mo dikgannyeng tse di amang kgokgontsho ya bone ka le bone jaanong ba tlaa kgona go itse kwa ba ka sielang teng fa ba tlhasetswe ke basadi mo malwapeng le maratong.

Gareng ga mefuta ya kgokgontsho e banna ba reng ba tshelelang mo go yone ke go rata le go tsaya kgotsa go gapelwa madi, go tsholelwa dikarata tsa dibanka, go laolelwa tiriso ya madi, go ganelwa ka bana fa go kgaoganwe, go rogakiwa le gone go tshwenngwa ka dipuo tsa lekgobo le go bitswa maina a tshotlo. Borre ba ile ba bolela gore ba utlwisiwa botlhoko ke gore ga gona kwa ba isang dingongorego tsa bone teng.Bare fa ba begela mapodise ba a tshegwa, ba botswa gore a ba re ba tshwenngwa ke basadi.

Banna ba tsweletse ka go bolela fa basadi ba ba sotla ka go ba ganela ka motlakase wa segolo fa ba kopa go tshubelwa mo kamoreng ya borobalo. Ba bolela gore se gantsi se dirwa ka mabaka a mantsi a basadi ba ipatang ka one. Mme se se tlogele banna ka lekgeepo le le botlhoko thata. Ba re se gantsi se dirwa ke basadi ba ba ratang thata bonyatsi le go tsietsa banna ba bone. Borre ba gatelela thata gore basadi ba rata bobe go ba tsietsa le go tshameka ka motlakase wa malwapa a bone. Mo dikgannyeng tse, mogolwane wa pele wa lekgotla la bong le kgokgontsho ya basadi le bana ba basetsana, yo eleng leloko la THC Foundation, Keabonye Ntsabane, a re ka boammaaruri banna ba tlhokofadiwa thata ke go kgokgontshiwa ke basadi. Fela, a bolela gore le fa se e le boamaaruri, ga go a tshwanelwa go lebalwa gore basadi le bana ba basetsana ba santse ba kgokgontshiwa ke banna ka dipalo tse di kwa godimo fa go tshwantshwanngwa le banna ba ba kgokgontshiwang ke basadi.

Mma Ntsabane a re lekgotla la THC le tlaa nna lentswe la banna ka le tlaa itebaganya le dikgang tse di ba amang tsa kgokgontsho.

A re banna ba ntse ba hupelela fela mo teng, eleng seo gantsi ba felelang ba dirisitse lebogo, selepe, thipa kgotsa tlhobolo.

A re ba ntse ba lela thata ka gore fa ba re ba ikuela kwa mapodiseng gore baa kgokgontshiwa ke basadi, ba a tshegiwa. Fa e le bagolo bone ba re banna ke dikopa tse di tshabang basadi.