Naledi

Bakgatla ba rekela Mma Matshego sukiri

Morafe wa Bakgatla kwa kgotleng
 
Morafe wa Bakgatla kwa kgotleng

Fa ba bua mo phuthegong ya kgotla kwa Oodi bosheng, borre le bomme ba mophato wa Mangana ba ne ba bolela gore go tswa bogologolo, morafe wa Bakgatla o ne o itlhokomelela dikgosi tsa one go sa kgathelesege gore a dikgosi tseo di ne di na le eng go ka itlhokomela.  Ba re se e ne e le go supa tlotlo le lorato mo go tsone, ka go rialo ba eletsa gore morafe wa Bakgatla o ikgate motlhala go tlotla kgosikkgolo le mohumagadi wa gagwe.

Erile mophato wa Mangana o rola kgang mo kgotleng, wa bolela fa Mokgatla mongwe le mongwe a tshwanetse go itse Kgosikgolo Kgafela a sa tlhole a bereka jaaka pele, ka jaanong a le mo tirong e tona ya go baakanya dilo dingwe tsa morafe wa gagwe. Ka a sa bereke, se se tlhalosa gore ga a sa tlhole a na le letseno le le tshwanang le ka nako ya fa a santse a bereka. Fela jalo le mohumagadi Mma Matshego yo o nang le monna wa gagwe kwa Aferika Borwa.

Mongwe wa Mangana a Oodi, Mabina Sakaeyo Setswammung, o ne a bolela botlhokwa jwa gore Bakgatla ba itlhokomelele Kgabo le mohumagadi, a re ke sone se bone ele Mangana, ba boneng go le botoka go rwala maikarabelo a go rotloetsa botlhe go thusa fa ba ka kgonang teng. A re ga ba kope sepe se setona mo morafeng fa ese fela gore a mohumagadi Mma Matshego a rekelwe senotsididi le sukiri ya keresemose.

Mafoko a a ne a tladiwa ke leloko le lengwe la mophato wa Mangana, Tlhabane Mooketsane, yo o neng a re le fa kgang e e le mogopolo wa Mangana, ga se gore ke ya bone, mme e le ya morafe otlhe wa Bakgatla.

Are bone e le Mangana ba dule fela ka mogopolo go o rekisetsa morafe wa Bakgatla ka ba itse fa kgosikgolo a eteletse morafe otlhe. O ne  a kopa gore morafe wa Oodi le one o eme ka dinako go tsenya lebogo mo go emeng le Kgabo le mohumagadi ka dinako tsotlhe. O ne a  tlhalosa gore se ke se se diragalang mo metseng yotlhe ya Kgatleng, le gone kwa Moruleng tota, eleng seo ba sa tshwanelang go salela morago e le morafe wa Oodi.

Bagolo ba motse le bone ba ne ba bolela fa se e le mogopolo o montle thata, o go seng Mokgatla ope yo o ka o ganang, ka e le yone tsela fela e morafe o ka supang ka fa o tlotlang le go rata kgosikgolo le mohumagadi wa gagwe ka teng.

Monnamogolo Ntuntu Molefe yo o reng ke wa mophato wa Lethulwa, o boletse fa kgosikgolo e le ngwana wa gagwe ka mophato, mme a rata thata go utlwa fa a tshwanetse go tlhokomelwa. A re ye ke yone nako e Bakgatla ba Oodi ba tshwanetseng go supa Bokgatla jwa bone. A re mongwe le mongwe a tsenye lebogo mo kgetseng a ntshe bonnye jo a nang najo go rekela Mma Matshego sukiri le senotsididi sa keresemose jaaka kgang e bolela.

Monna wa Lesoso, Phatsimo Lucas, le ene o ne a re mafoko a Mangana aa amogelesega. A re morafe wa Oodi o tshwanetse go itse fa Kgosikgolo Kgafela a o rata thata, bogolo jang ka o seke o mo swabisa ka gope. A a fa sekai ka matlwana a boithomelo kwa molapong, a a reng erile a agiwa morafe wa Oodi wa ntsha ditena, madi le disamente go thusa, a ba a re ba ne ba fetsa pele ga metse yotlhe. A re gape ba tshwanetse go itse gore le fa go rupiwa, Oodi o na le molelo wa gagwe, ga a kopane le motse ope.

Morafe o ne wa dumalana gore mongwe le mongwe mo motseng wa Oodi, le baagedi botlhe a ntshe P20, mme go kopiwa gore madi a a ntshetswe kwa dikgotlaneng kwa go nang le dikgosana tse di ka thusang go a tsaya.