Naledi

�No more intshwarele boso� � Makgophe

Ramapodise, Keabetswe Makgophe, erile a bua kwa tshimolodisong ya letsholo la malatsi a masome marataro a twantsho dikotsi tsa tsela le borukutlhi a bolela fa bakgweetsi bangwe ba sa itshware sentle mo ditseleng, mme gantsi ba sa obamele matshwao a tsela. A re se ga se mo itumedise gotlhelele ka go kgweetsa botlhaswa mo ga bone go felela ka dipalo tse di kwa godimo tsa dikotsi tsa tsela, tse dingwe tsa tsone di tlogelang batho ka dikgobalo tse di masisi, fa gongwe bangwe ba tlhokafetse.

Makgophe a re dikotsi tsa tsela, bogolo jang tse di gapang matshelo di a tshwenya, eleng seo go leng botlhokwa thata gore bone e le sepodise ba eme ka dinao go emelana le tsone go tlhomamisa gore di a fokotsega. A tlatsa ka gore mme kana gore di fokotse le gone go fela gotlhelele, mapodise ga a kake a kgona a le nosi, eleng seo go tlhokafalang gore bakgweetsi botlhe ba rwale maikarabelo a go di lwantsha le bone ka dinako tsotlhe.

Letsholo le la malatsi a a masome marataro la go lwantsha dikotsi tsa tsela le borukutlhi jotlhe fela, Makgophe o boletse fa monongwaga le le pharologanyo, ka mapodise a tsela a tla a bo a gagamaditse setoropo thata. A re o bua jaana ka a bone fa go santse go na le bakgweetsi ba le bantsi ba ba nyatsang dikatlholo tsa melato ya tsela, eleng seo dikotsi le go sa obameleng matshwao a tsela di tsweletse ka go oketsega letsatsi le letsatsi.Ka jaanong a setse a lemoga ka fa dikatlholo di nyadiwang ka teng, ramapodise a re o gagamaditse molao le dikatlholo thata. A re ga gona modiramolato wa tsela ope yo o yang go itshwarelwa, ka se go bonala e le sone se ntseng se rotloetsa gore bangwe ba tswelele ba kgweetsa ka bofafalele. “Ke batla gore mokgweetsi mongwe le mongwe a itse fa ke gagamaditse molao le dikatlholo, mme go sena mokgweetsi ope yo o dirang molato yo o tla a itshwarelwang. No more intshwarele boso fa o tshwerwe,” a bua jalo Makgophe. 

Gore se se diragale jaaka a eletsa, Makgophe a re o laetse mapodise a tsela gammogo le mapodise fela otlhe gore a badiramolato ba duelwe dikatlholo ka nako e ba tshwarwang ka yone, gore ope a seka a tsamaya ka sekoloto, kgotsa a itshwaretswe ka tsela epe fela. A re o solofela fa go tla a nna le tirisanyo mmogo ka nako ya letsholo le, le go ya pele gore Batswana ba tswelele ba babalesegile gammogo le dithoto tsa bone mo malwapeng le dikgwebong.

Mogolwane wa lekgotla la Botswana la twantsho nnotagi botlhaswa, Jacob Sesinyi, o boletse fa le bone ba lwa thata ka go rotloetsa bakgweetsi go ikgapha mo tirong ya bojalwa fa ba kgweetsa. A re ba tla a dirisa diketekete tsa madi go tsena mo letsholong la go ruta Batswana ka dikotsi tsa tsela, le bodiphatsa ja bojalwa.

Mogolwane wa lekgotla la dikoloi tsa megobagoba(diteraka), Comfort Balekanye, o ne a bolela fa lekgotla la gagwe le rotloetsa thata bakgweetsi ba dikoloi tse go tlhomamisa gore ba nna ba itekanetse ka dinako tsotlhe, a re ba ruta thata gore botlhe ba iphaphe thata mo mokgweng wa go kgweetsi ba itshietse bojalwa ka se e le sone se ka thusang thata go fokotsa dikotsi tsa tsela.