Naledi

Ke ipaakantse sentle � Seoko

Patrick Seoko a le mo ikatisong
 
Patrick Seoko a le mo ikatisong

Dintwa tseo di tla tshwarelwa kwa ntlo lehalahala ya Gaborone City Council.

Fa Naledi e etetse ikatiso ya boramabole bao fa Notwane Club Mosupologo ono, Seoko o tlhalositse fa a sa itse sepe se se kalo ka ramabole o yang go lebagana le ene. O tladitse ka gore ga itse le ka fa Khohle a lwang ka teng go akaretsa le gore bokgoni ja gagwe bo bontsi fa kae ga mmogo le bokoa ja gagwe.

Fela, Seoko a re ipaakanyo ya gagwe e remeletse thata mo go baakanyeng tlhaloganyo ya gagwe go ipolelela gore Khohle ke ramabole wa popota. Ka jalo o supa gore o berekile thata mo go eleng tlhoko gore mmele wa gagwe o popota ebile ga a lape ka bofefo. Seoko yo o sa rateng go bua thata, o tlhaloseditse Naledi gore o batla go fetsa le Khohle mo tikologong ya boraro.Boramabole bao ba tla lwa tikologo tse thataro.

E re dikgang di eme jalo, morulaganyi wa moletlo o wa mabole Bond Ngubula o tlhaloseditse pampiri eno gone kwa ikatisong ya boramabole ba gagwe, gore ntswa gona le dikgwetlho sengwe le sengwe se eme malala a laotswe. A re serala se emetse fela boramabole gore ba nkgisane magwafa.

Ngubula  a re sengwe le sengwe se tsamaya sentle ebile dipampitshana tsa go tsena mo moletlong (tickets) di setse di simolotse go rekisiwa.Gona  le tsa P250 tsa manno a bapileng thata le serala sa boramabole le tse dingwe tsa P100 go katologa serala go se kae.

A re ba setse ba na le ba ba tla ba thusang ka thuso ya potlako eleng ba Boitekanelo Medical Emergency Service. Boramabole le bone ba setse ba beile monwana ditumalano. O ne a tlatsa ka gore ebile ba tlaa bo ba tshwaragane thata le ba mokgatlho oo kwadisitsweng go godisa mabole mono gae Botswana Boxing Organisation.

O tswelela ka gore ba setse fela ka go tlhatlhobela boramabole malwetsi a tshwana le HIV/AIDS le Hepatitis B. Se ke ka ntlha ya gore ba babalela le go sireletsa boramabole ebile gape e le nngwe ya dintlha tse di tlhokegang pele ga dintwa tsa mabole di ka simolola. Ngubula a re le thulaganyo ya tshireletso ya boramabole (insurance) e tsamaya sentle le ba Liberty life ba ba dirisanyang le bone.

Kwa ntle ga ntwa ya ga Seoko le Khohle, dintwa tse dingwe di akaretsa ya ga Tefo Letshikgwane le Keitshokile Makushe. Ramabole o tlholegang kwa Bahamas mme a ikatisa ka fa tlase ga Bond Boxing Promotions, Lavar Omar o tla thulana le Yamodimo Baitshepi. Tshepiso Mokgadi ene o tlaa bo a na le Moreki Maiketso. Boramabole bao ba kaile fa ba tsweletse sentle ka ikatiso. Dintwa tse tsotlhe di solofetswe go tlola ditlhase jaaka selebego sa mabole a duelelwang mono gae se ntse se tokafala.