Naledi

�Tse Ditona� di semeletse

Fa motho a lebelela metshameko ya mafelo beke a re tswang mo go one, o ka lemoga sentle gore ditlhopha di lwa ka tse tsotlhe go gwetlha bommampudi ja kgaisano e.Se gongwe ke ka ntlha ya gore barotloetsi Mascom le bone ba tsentse lentswana mo mading a gapiwang ngwaga ono go nna P1.2 million.

Motshameko o ne o le kwa Molepolole Sports Complex ka Sontaga o ne o sisibetse le go feta fa masole,BDF XI ba fenya Gaborone United ka nno ele nngwe go lefela. Patrick Kaunda o ne a kokotela sepekere sa ntlha ebile  ele sa bofelo sa motshameko mo motsotsong wa masome a mabedi le boratato. Kaunda o ne a nota GU mo bolong e ne e tswa mo go Phenyo Molefe.

Se se ne sa tlogela ‘moyagolele’ e pholetha maiteko a bone a itaa se fololetse go fitlhelela phala ya bofelo. Ramatlhale wa bone kwa pele Benson Shilongo le ene o ne a seka a ba o.thusa mo go kalo mo motshamekong oo. Masole ba ne ba etla ba nna sekgotlho kwa morago go folotsa ditlhaselo tsa Gaborone United.

Motshameko o ne wa simolola ka nako ya botlhano go na le bone jaaka go ne go rulagantswe pele.Mme fela diphefonyana tsene di etla di tsosa lerole kwa ga Mokwena le marunyana a ne a duma go sekae di ne tsa seka tsa kgoreletsa motshameko ka gope.

Fela mathata a GU one,a oketsegela pele ka tota le yone tshameko ya bone mo setlheng seno e sa kgotsafatse le eseng.Ke batho ba lebega ntlo ya bone e sa iketla sentle.Ba kgaogane le mokatisi Rahman Gumbo bosheng mme ba fa monna go tswa Serbia, Drago Stanojlovic marapo.

E re dikgang di eme jalo, matlhale a sekatisi a ga Mark Harrison a ne a anega le go nyenyefatsa Maxwell Moyo mo motshamekong o mongwe wa Mascom Top 8.Motshameko o,o ne o tshwaretswe kwa lebaleng legolo la setshaba maitseboa a matlhatso fa Township Rollers e boa kwa morago go fenya Police XI ka nno tse nne go tse pedi.

Mapodisi a ne a sa la ba kukunetse ‘mapalastina’ karolo ya ntlha ya motshameko e simolola.E rile mo metsotsong e sekae, Tapiwa Gadibolae o nang le maposi ka kadimo a kgotla dimo mo maragong fa a nosa setlhopha sa gagwe sa Rollers.

Ka maitemogelo a kwa godimo, Betsho Pius a ruta Kabelo Dambe magokaganyane a kgwele ya dinao fa a ne a  mo supegetsa gore le fa a tshamikile kwa Aferika Borwa, o santse a le mmotlana thata. ‘Tshola Uzwe’ o ne a gagola Dambe go tswa ka fa letlhakoreng la molema mo nngweng ya dinno tse go tla tsayang sebaka gore di lebalesege.

Fela monna wa lekgoa Harrison a simolola matlhale a gagwe fa a ne a dirisa sesigo se se penologang sa batshameki ba ba kwa Township Rollers.Maitemogelo a batshameki ba tshwana le Sekhana Koko,Joel Mogorosi le Jerome Ramatlhakwane a ne a falotsa Rollers mo mapodiseng ba ba neng ba lebega jaanong ba tsietsega gore a ke ba tswelele ka go tlhasela kana ba sireletse se neng ba se tshotse.Maano Ditshupo le ene o ne a galalela mo letsatsing a iponela nno tse pedi.Dinno tse dingwe di nositswe ke Mogorosi le Ramatlhakwana.

Mo go e mengwe ya ‘Tse Ditona’, banna ba ga Daniel Nare, Extension Gunners, ba iponetse maleka a nno e le nngwe setlhopa fa ba etetse Orapa United ya ga Madinda Ndlovu kwa Itekeng ka Labone. Ka Labotlhano banna ba ba sa tswang go latswa ke tlhware ka thotoetso ya 6 million, Gilport Lions ba tshamikile maleka le magosi a kwa Kgatleng,Mochudi Centre Chiefs.