Blogs

Mogwang o ya borwa go rileng?

Tsa tlhaba dijwalo tsa gola. Fa di ntse di tla, mhero wa tla o di setse morago. Balemi ba tlhoafala ba tlhagola, e se re gongwe dijwalo tsa tloga tsa jewa ke mhero mme ba tswa fela. Go bona di tlhagoletswe, tsa phophoma.

A tla mabele, wa tla mmidi, ya tla ntshwe, sika lo thotse le lone le sa ineele. Masimo a fetoga a nna matala. Wa tswelela wa lela mogoma, o gogola mhero.

Tsa nna tsa tla dijwalo, tsa ungwa. Marotse a baya, dinawa tsa ungwa, ditloo le tsone di le foo. Ya re le fa tiro e le bokete, selelo ya nna se se mothama.  Ga jewa dikgankana, nyebu le photla. Ba itumela balemi, ba bona gore mohuhutso wa phatla o a ba boela.

Le a tle le eme leng letsatsi?  A a tle a tlhoke go tla mariga? Nako ya nna ya tsamaya. A atamela mariga, go tla nako e e reng e sena go feta, go twe, mogwang o ile borwa. Gongwe mongwe o ka botsa gore fa  re re mogwang, re raya eng. A botse gore mogwang o bonwa kae, le gore, o ya borwa go rileng?

Dijwalo tsotlhe, fela jaaka ditlhare le dimela tse dingwe, di na le matlhare.  Matlhare a, ke one a re bonang ka one gore a ditlhare di tsogile sentle kgotsa di bokoa.  Fa go le leuba, ditlhare di fotlhega matlhare, di nne di tshetlha. Fa ngwaga e le o o monate, pula e nele, ditlhare di a tlhoga, di nne di tala, se se supa gore di tshela sentle.

Dijwalo le tsone di ntse jalo. Dinawa, ditloo le dithotse di na le matlhare a a bidiwang fela go twe matlhare. Matlhare a, ke one a re bonang ka one gore a dijwalo di tsoga sentle kana nnyaa.  A mabele, mmidi le ntshwe matlhare, ga a bidiwe matlhare, a bidiwa mogwang.

Fa dijwalo di tsogile sentle, matlhare a, le mogwang o, di nna di tala. E re molemi a tsena mo tshimong a itumele a bone gore dijwalo tsa gagwe di a tshela . Mme fa matlhare a a ka fetoga a nna masetlha, foo o kotlomela mowa ka o itse gore ga di tsoge sentle.

Mariga ditlhare di nna di tshetlha, di fotlhege matlhare, ka di a bo di babalelwa ke serame.  Go ntse go ntse jalo, ka Setswana, go na le nako e go tweng phefo e a tlhaba. Nako e, ke nako e serame se nnang bogale thata ka se a bo se omisa dijwalo. Fa di ka rojwa di le metsi, di ise di ome sentle, di ka tloga tsa senyega, tsa bola.  Gore di nne lobaka di sa senyege, ke gore di bo di omile. Potso fa godimo fale e rile, mogwang ke eng mme ra e araba ka gore mogwang ke letlhare la mabele, mmidi le ntshwe. E nngwe potso ke eo ya re mogwang o ya borwa go rileng? A re tswelele pele re re, dijwalo dingwe di ka itlhaganela tsa butswa, tsa rojwa, phefo e ise e tlhabe.

Mme tota  ka  Setswana, go rojwa phefo e sena go tlhaba, dijwalo di omile sentle.  Fa go sena go rojwa, dijwalo tsotlhe di dule mo masimo, ke gone Motswana a tlaa reng, mogwang o ile borwa. O a bo a raya gore ga  go na sepe, o robile gotlhe  mo go neng go le teng; o upuditse Nako nngwe phefo e ka itlhaganela, ya tlhaba, ya tshuba dijwalo di ise di butswe sentle. Mo seemong sa go nna jaana, Motswana a nne a re, mogwang o ile borwa.

Go bua jaana o a bo a tlhobosa gore ga go sepe se kalo se a tlaa se robang ka phefo e itlhaganetse ya tlhaba go ise go butswe; a re dijwalo di tlhabetswe.  E re le fa go ka rojwa sengwe, tota e bo e se mo go buduleng sentle. Ka boremo jwa mogoma ga bo tlhobogwe, molemi a ikgomotse fela ka gore o tlaa ja talane.

Mogwang o ya borwa fa phefo e tlhaba le go rojwa. Dijwalo dingwe di a tlhabelwa, di se ke di butswe sentle.  E a re go diregile jaana, molemi a re mogwang o ile borwa, a raya gore ga a ke a robe sepe se se kalo.

Tse dingwe dijwalo di butswa sentle mme di rojwe go upudiwe masimo. Ka o a bo a robile gotlhe, Motswana a nne a re, mogwang o ile borwa; a rwale thobo ya gagwe a boele gae. motshwanes@yahoo.com