Blogs

A re go ja eng? (6)

Re nne re re, re bona mosepele wa rona wa go ja…. e le sone sebagana seleele tota, ka ke oo, o sale o simologile mme le ka jeno ga o ise o wele. Jalo he, e tlaa re le gompieno di nne di gogele pele. E re di le mo tseleng, go tiisa mosepele, re opele re re, Leha tsela e sekaka Rara U nkgoge.

Mosepele o nne o tswelele mme go tle e nngwe papisapuo e re go ja mokaikai. Mme fa Motswana a e khutswafatsa a re go kaila. Jaanong a re tseye sekai re re, fela jaaka gale e ne ya re moso ono, basimane ba sena go fitlhola tsa bolola go ya go phoka.

Ke yoo Tlharapana a di sala morago. Ke yoo a di pega thota ya lenato. Tsa fologela ka kwa tsa bo fitlhela tsa bo kgetla. Fa a setse a bona gore dimpadi a ngamoga, a kgalema tsa bowa tsa pagama motlhaba.

Tsa wela ka kwa, tsa ema fa mogobeng wa lenatwana tsa a goga. A bowa a kgalema mosimane tsa wela tsela tsa gopola sakeng. Ke tseo tsa goroga mme a bitsa Matlhogela gore a tle ka kgamelo.

Ya tla e tswa kae kgamelo. Matlhogela a tlolaka a ya kwa le kwa, a leba kwa le kwa, kgamelo ya se ka ya bonala gope.

Fa a setse a fedile pelo, Tlharapana a kgalema ka lentwe le le bogale a re, ‘Mosimane tlogela go ja mokaikai. O kaila e le gore thata o batla eng?’ Fale Matlhogela a re, ‘ke batla kgamelo ga ke e bone.’ Tlharapana a ipoeletsa a re, ‘Mosimane, e ga se nako ya go ja mokaikai letsatsi le a tsamaya. Kgamelo ke eo mo godimo ga mosetlha one oo.’

Mosimane a leba a e bona a re ‘Aa, ke ne ke lebetse gore ke letse ke e pegile fa.’ A e bona a e tsaya a ya go neela Tlharapana. Ga gangwa. A ne a batla kgamelo a sa e bone, a tlolaka a ya kwa le kwa, a kgarakgatshega, ke gone Motswana a tlaa reng mosimane o ne a a ja mokaikai. E re a khutshwafatsa kgang a re mosimane o ne a kaila.

Mosepele o nne o gogele pele mme go tle se sengwe sekapuo se re go na le go ja ntshwakgo. Mme a re supe gore se se farologane le dikapuo tse dingwe ka sone ga se tlhamalale sa re motho o ja ntshwakgo. Go na le go bua jalo, sone se re motho o jele ntshwakgo. Re botse Thanodi gore ntshwakgo ke eng mme e re ke mokgwa wa go tlwaela go dira sengwe, go lemala.

Jaanong a re tseye sekai re re, ke yoo Thitelwana o tsogetse kwa ga Osesane. A mo fitlhela ba nna fatshe ba itekodisanya. Dikgang le tsone tsa latela go tsewa kwa le kwa, go buiwa ka sele le sele.

Fa go ntse go tsweletse, Thitelwana ke yoo o leba Osesane a re, ‘Ao mma a gompieno ga go jewe? Ke sale ke tsenye le fa e le go latlhela sepe mo ganong. Molato eng?’ Ka fale Osesane a re ‘Ngwanyana ke wena o jele ntshwakgo. O batla gore nako tsotlhe o le fa, ke nna ke eme ke apeye o je wena sa gago e nne go pharalala fela. Nnyaa mma. Ga o moeng o mo ga mogoloo. Ya tsie e a tshwaraganelwa. Gompieno a go eme wena.’

A utlwa Thitelwana a ema a ya go apaya tsa tla ga  jewa. Jaanong o tlaa utlwa sentle gore fa Osesane a re Thitelwana o jele ntshwakgo, o raya gore o tshwakgogile, o tlwaetse gore e re go tlaa jewa Osesane e bo e le ene a emeng a apaya.

Gone fa ba bangwe boemong jwa gore motho o jele ntshwakgo, o tshwakgogile, ba re o jele tlwae, o tlwaetse. Go nne go tshwane. Mme la gompieno ke leo la nna le sele mo go Thitelwana. A jaanong o tlaa e kgwa ntshwakgo, tlwae, ka ke yoo ga twe o e jele, ga re itse. Gore e tlaa re fa a ka e kgwa go nne jang re ntse ga re itse. Eo, e tlaa sala e le ya gagwe le mogolowe.

Go nne go tswelele pele mme go tle le lengwe lenatetshapuo le re go ja kgakge. Gone fa, a re supe gore le, le farologane le manatetshapuo a mangwe mme le tshwane le la ntshwakgo. O bonye fa godimo fale gore leo, ga le re motho o ja ntshwakgo, la re o jele ntshwakgo. Fela jalo le la kgakge ga le re motho o ja kgakge. Lone la re motho a sala a jele kgakge.

Jaanong a re nne re boele fa morago fale re re, ga twe letsatsi lengwe, ntlo e rona re reng e ne e le ya ga Mma Thitokgolo ya a sha. Go bona se, Mokotedi a ja ya ga mmaagwe ka molelo. Batho ba hakgamalela tiragalo e. Ga twe fa ba botsa Mokotedi gore o dira eng, ke eng a dira jalo, a araba ka gore matlo go sha mabapi. Batho ba nna ba hakgamala ka Mokotedi o ne a dira fela jaaka seane se bua a sa dirise tlhaloso ya sone. Go ntse jalo, Mokotedi a hakgamaditse batho mo go kalokalo ke gone Motswana a tlaa reng batho ba ne ba sala ba jele kgakge.