Blogs

A re go ja eng? (7)

Ba bangwe, ka mabaka mangwe ba diege ba leme paka ya temo e setse e le gaufi le go wela kgotsa e wela. Bao go twe ba lemetse moragong. Ka ba lemetse moragong, mariga a tsene dijwalo tsa bone di ise di butswe sentle.

Fa e le mabele a bo a sa ntse a le metsi thata ka mmala a le matala a bo a tlhajwe ke phefo a le mmala oo. Motswana a re boremo jwa mogoma ga bo tlhobogwe a raya gore fa mogoma o fetileng teng go solofelwa go bona dijo.

Jalo he, le a le matala jalo, fela jaaka dijwalo tse dingwe, mabele ao a rojwe, a phothwe, a bewe mme go twe ke talane. Le fa e le talane jalo, go nne go rafiwe, go jewe, mme go twe go jewa talane fela jaaka e a re mabele a tsenywe ke tshupa a nne a jewe mme go twe go jewa tshupa.

Re nne re gogele pele mme go tle se sengwe sekapuo se re go na le go ja diphure. Diphure e le eng? E le dijo tse di sa apewang tsa wela, tsa butswa sentle. E le sekai a re nne re re, ke yoo Thitelwana o kwa ga mogolowe, kwa ga Osesane. Ka o kgwile ntshwakgo, tlwae, e a neng a e jele, gompieno go ema ene o a apaya. Di a butswa, o a tshola, di a tla go a jewa. Fa Osesane a ntse a tsweletse a a ja a re, ‘Hei, ngwana ke wena tlhagafalela go ithuta go apaya. Mo ga gago mo, ga se dijo ke ja diphure.

Fa go tsena mo ganong go a gasagasega. Apaya go nne gone o tlogele go njesa diphure.’ Thitelwana a araba a re, ‘Ke a utlwa mma mme nna ke utlwa ba re, motlhophantsi ke yo o kgorang.

Gape, ba re, wa ngwana (morogo)  ga o tlhophiwe ditlhokwa. A ja magala Osesane a re, ‘O se ka wa mpuisa dilo tseo e seng jalo mo ga me ga o na go tlhola o gata teng.’Go bona mogolo a galefile mo go kalo, ngwana a ikoba a re, ‘Intshwarele mma ke ne ke re ke bua Setswana fela jaaka ke a tle ke utlwe ba bua.’

A nna a galefa Osesane a re, ‘O se bue le bone koo e seng  nna.’ A ineela Thitelwana a re, ‘Goo Kgang ga go jelwe sepe mma. Ke ntse ke kopa maitshwarelo. A e ne modiga nkgonne. Ke le kgwile ke le theletse.’ Go bona ngwana a ikobile mo go kalo, Osesane a amogela maitshwarelo. Kgang e e neng e tsositswe ke go ja diphure ya fela.

Fa mosepele o ntse o tswela pele go tle le lengwe lenatetshapuo le re go na le go ja makgaritlha. Makgaritlha e le eng? Re itse gore go a tle go apewe go jewe mme ka mabaka mangwe dijo di sale di se ke di jewe di felele.

Go setse jalo, gongwe e bile e se sepe se se kalo, go bewe gore go tle go jewe go felelediwe nako nngwe, kana, letsatsi lengwe. A jaanong, e le sekai re re Tshelo ke yoo o letse a apeile. Mme ka bana botlhe ba ne ba le teng a tiisa lebogo a akantse gore botlhe ba tlaa batla go ja. Ka o ne a akanyeditse bana gore ba se lale ka tlala, Motswana a bo a ne a ka nna a mo tlatsa a re mmangwana o tshwara thipa ka fa bogaleng.

A sena go e tshwara jalo ka fa bogaleng ga nna jang? Ga se ka ga nna jaaka a ne a akantse. Fa a tshola Tshelwana a mo raya a re ene ga a ke a je o siame o tlhotse a jele kwa go Thetlwana. Jalo he, tsele, tse di ka bong di jelwe ke Tshelwana tsa sala bogogo le bone bo ntse bo le foo.

Gone fa, Motswana gape o tlaa a re mogopo wa ga Tshelwana o ne wa sala. A raya eng? A ntse a raya tsone dijo tsele tse di ka bong di ne di jelwe ke Tshelwana. Mme gongwe o botse gore e le eng di bidiwq mogopo di sa bidiwe dijo.

Malatsi ale, dilo tsa sesha di ise di tlale lefatshe Batswana ba ne ba ipetlela dilo, didirisiwa, ka dikgong. Dingwe tsa dilo tseo e ne e le tse go jelwang mo go tsone tse bangwe ba reng ke dijana. Sengwe sa tseo se ne se bidiwa mogopo. E re fa motho a tsholetswe mo go one, ka nako eo, dijo tseo di bidiwe ka leina la gagwe jaaka gompieno go twe  dijo tsele e ne e le mogopo wa ga Tshelwana. Mme e se gore o tlaa bidiwa jalo ka gale e le fela gore nako eo, Tshelwana o tlaa bo a jela mo go one. Go sale foo, mengwe megopo e biditswe maina jalo e nne le beng ba yone ba thomamo e se ke  e jele ka mongwe le mongwe. Jaanong ka le le latelang Tshelo a bitsa bana go tla go ja makgaritlha.

E le makgaritlha ka go ne go kgaritlhiwa, go felelediwa, dijo tsele tsa maabane. Mme gape ka dijo tse di a bo di letse bangwe e re ba di ja ba re ba ja malatsa. Go nne go tshwane.