Naledi

HIV/AIDS e gwetlhile Mogae

Mogae
 
Mogae

A re mme fa o ntse o busa jaana gona le tse di tlhagogang fela di go kubegela o sa di solofela, tse o ka se di ikgatholoseng. O ne a fa sekai ka bolwetse jwa segajaja jwa HIV/AIDS jo a reng bo ne ja mo sotla thata mo moweng fa bo batla go nyeletsa tshaba e a e eteletseng.

Fa a bua kwa moletlong wa tsamaya sentle le malebo go tswa mo lekgotleng la bolwetse jwa AIDS, National AIDS Council (NAC), Mogae o ne a bolela fa ntlhopheng mongwe le mongwe go tloga fela ka mokhanselara, mopalamente le tautona a na le dilo kgotsa ditiro dingwe tsa go tlhabolola matshelo a batlhophi ba gagwe, tse a solofetsang go di ba direla fa a ka tlhophiwa.

Tsone ditirelo tse, a re ntlhopheng o a bo a tlhaloganya sentle fa e le tsone konokono ya matshelo a batlhophi ba gagwe, eleng seo ereng morago ga ditlhopho ka ntlha ya phenyo, go tlhokegang gore mofenyi a patise marago go diragatsa ditsholofetso. Ka go rialo le ene ka a kile a etelela lefatshe la Botswana, Mogae a re ene le puso ya gagwe ba ne ba itse fa ba dirile maitlamo a ditlhabololo le ditirelo dingwe ka nako ya ipapatso.

Ditirelo tse, Mogae are di ne di batla madi a mantsi go di dira, gore Batswana ba kgone go di akola go tswa mo go ene le puso ya gagwe. Are fa ba ntse ba le mo mananeong otlhe a go isa ditirelo le ditlhabololo kwa Batswaneng, jaaka ba ne ba solofeditse, ga kgomoga seoka sengwe se bidiwa HIV/AIDS go mo kubugela mo boeteledipeleng jwa gagwe.

HIV/AIDS go ya ka Mogae ya tla e le bogale go gaisa le yone poo ya nare e golafetse, ya gaisa le yone tau e e bonang diphala e tshwerwe ke tlala. Bogale le lebelo la yone la gaisa le la molelo wa kgwedi ya Diphalane o o ja naga. A re ditshaba go ralala lefatshe tsa garoga pelo ka ntlha ya bolwetse jo bo maswe jo. Fela jalo le Batswana ba tshoga ka ba bona ka fa bo tlang bo le bogale ka teng, ebile bo anama ka lebelo la mosimane a nole mashi a lebotlana. Bolwetse jo bo ne bo gapa matshelo a Batswana a le 21,000 ka ngwaga, palo fela e Mogae a neng a sa bone boroko ka ntlha ya yone.

Le fa go ne go setse gona le tema ya go dira ditiro dingwe, Mogae a re o ne a bona ka fa HIV/AIDS e leng setlhogo ka teng, ka tshaba ya Botswana e ne e tlhaselwa mo mabitla a ne a fetoga mafelo a bokopano mafelo a beke nngwe le nngwe. A re ka ntlha ya se o ne a sotlega thata mo moweng. Pelo ya gawe ya nna ka kutlobotlhoko e tona ka go bona tshaba ya gagwe  (Batswana) e nyelela ka bofefo ka dipalo tse dintsi jaaka okare ke dikokobele di bona lesedi morago ga pula.

Go bona go nna jaana, Mogae jaaka moeteledipele wa lefatshe la Botswana, a tshwanelwa ke go rwala ditlhako go tlolaganya go ya mafatsheng a a ikgonang go lela koo, le go kopa thuso ya go boloka matshelo a bone. A re o ne a dira jaana a ntse a itse gore madi o ya go lopiwa a mantsintsi. Fela, a re ‘mme nka se lebe fela ke lesa tshaba yame e nyelela ke tshaba madimadi’.

Mosepele wa ga Mogae wa seka wa nna maoto ruruga, ka erile go menogeng koo, a tla a sikere kgetse e tletse diritibatsi tsa ARV go tla go di neela Batswana ba ba setseng ba tshwaeditswe ke tlhokwana twatsi e e shenneng meno e. A boa gape a simolodisa lenaneo la thibelo mogare go tswa mo go mmaalo go ya kwa leseeng le le iseng le tsholwe (PMTCT) e le go boloka matshelo a masea gore a tsholwe a sena mogare wa HIV le yone AIDS ka sebele.

Ka go bona seemo se, Mogae a rwala maikarabelo a gagwe jaaka tautona, a laola gore dipilisi di neelwa Batswana kwa ntle ga tuelo epe. Se sa thusa thata, Batswana ba bolokesega. Mabitla le one a ikhutsa mo go etelweng kgapetsakgapets. Mogae le ene mowa wa gagwe ya aparwa ke boitumelo jwa phenyo.

Mafatshe le makgotla ka mefuta, a akgola le go leboga Mogae mo go rwaleng ditlhako le go ema ka dinao go lwantsha HIV/AIDS gore e seka ya nyeletsa Batswana. Le gompieno Batswana, dikgosi le mothusa tautona Mokgweetsi Masisi, ba santse ba rolela Mogae hutshe ka ntlha ya se!!

 Mogae ene a re mongwe le mongwe, a e ka nna monana kana mogolo, a tswelele a itlhokomele thata mo bolwetseng jo. A re ga a itumelele go bona lefatshe lotlhe le santse le aperwe ke HIV/AIDS jaana.