Naledi

Lehuma le amile banalebogole � Makgalemele

Makgalemele
 
Makgalemele

Tona Makgalemele o buile se kwa phuthegong ya kgotla bosheng  kwa kgotlengkgolo ya Gammangwato ka Mosupologo.

O boletse fa thulaganyo e e tla nnang teng ele gore fa ba thapiwa mo lenaneong la Ipelegeng, ba seka ba kgaolwa fa nako ya khiro e goroga mme bone ba tswelele ka go theogela”. O tsweletse ka go bolela fa thulaganyo e nngwe ele go atolosa lenaneo la gore banalebogole ba atswiwe ka makgolo a mararo a dipula (P300.00) kgwedi le kgwedi, mme a tlhalosa fa go dira jalo, go tla akaretsa dituelo tsa melatsa go simologa kgwedi ya Moranang ngwaga ono, a bolela fa go ne ga nna le tiego ka se.

O kgothaditse batlhokomedi ba banalebogole go balelwa le ba ba senang bokgoni jwa go itirela sepe, gore ba netefatse fa madi a bone a dirisiwa sentle.

Makgalemele o rotloeditse banni ba Serowe gore, mowa wa lorato o  o senogileng sentle mo baebeleng, wa go rata mongwekawena jaaka o ithata, o tshwanetse wa aga mo dipelong tsa banaleseabe mo go lwantsheng lehuma.

Makgalemele a re ntswa puso e na le maikaelelo a go nyeletsa lehuma la nta e tshetlha ka ngwaga wa 2017, Batswana ba tshwanetse ba nna le seabe mo go diragetseng maikaelelo a.

O rotloeditse batsadi go rotloetsa le go nna le seabe mo dithutong tsa bana ba bone, a re se ele go fa bogakolodi gore kgabagare fa ba eletsa go inaakanya le mananeo a nyeletso lehuma, ba bo ba sena letsapa le ba fisang pelo.

A re puso e setse e na le mananeo ale lesome le botlhano a e setseng e a beile pele go re Batswana ba a akole mme sebaka se santse sele teng go amogela megopolo ya go tlaleletsa mananeo a a leng teng.

Ya re a bua le batsenaphuthego ka matshwenyego a gore lenaneo le na le ditiego, Makgalemele o ne a bolela fa puso e tsibogetse seemo se, mme maiteko a dirwa go latedisa bao ba ba neng ba saletse morago. “Ntswa re tsweletse ka go tsibogela tiego e, puso e lemogile gape fa gona le mananeo mangwe a a neng a abetswe batho a sa tswelele sentle, fa mangwe a phutlhame. Mme re tsweletse ka go sekaseka ditsela tsa go rotloetsa batho go ikgobokanya le go tlhama makgotla a badirammogo, jaaka a dikoporase, se ele go leka go nonotsha mananeo a ba ba tlabong ba a kopile,” Makgalemele a tlhalosa jalo.