Naledi

Ke tlaa fetola seemo � Dow

Unity Dow. SENEPE: MORERI SEJAKGOMO
 
Unity Dow. SENEPE: MORERI SEJAKGOMO

Tona Dow o ne a bolelela Naledi mo potsolotsong ee faphegileng gore o tlhaloganya sentle gore lephata la gagwe le letona, le na le dikgwetlho ebile le tlhoka gore a lepalepane le ditsamaiso tsa lone nako tsotlhe.

O tsweletse ka gore o amogela gore lephata la gagwe le ama dipelo tsa batho ba le bantsi letsatsi le letsatsi. “Fa o se ngwana wa sekolo, o na le ngwana yoo tsenang sekolo kana wa lesika koo,” ga tlhalosa jalo Tona Dow.

Tona a re nngwe ya ditsela tse di botlhokwa go tsamaisa lephata la gagwe tse a neng a di dira ke go rerisanya le bana-le-seabe mo go tsa thuto.

A re o lemoga thata botlhokwa ja barutabana mo mohameng wa thuto. O tladitse ka gore go fitlha jaanong o kopane le barutabana ba bantsi ba ba ratang ebile ba le boineelo mo tirong ya bone.

O tlhalositse fa gangwe le gape a tsamaya le lefatshe leno ka bophara go lemoga dikgwetlho tse di apareng lephata la gagwe le gore di ka tokafadiwa ka tsela ee ntseng jang. Fela, a re faa ntse a tsamaya le lefatshe o tlhatswega pelo ka a lemoga gore baeteledipele ba metse jaaka dikgosi ba emetse thuto ka dinao. Tona a re ngwana mongwe le mongwe yoo mo sekolong go fitlha jaanong o na le ditoro tsa gore thuto e tlaa mo isa golo gongwe. A re bana ba tshwanetse go lemoga gore ba tshela mo metseng le setshabeng se se nang le ditsholofelo tsa gore ba tlaa gola e nna bagolo ba ba nang le boikarabelo.

O tsweletse ka go kgothatsa setshaba mo metseng go monela marulwana pele go nna le seabe mo thutong ya bana ba bone.

Tona a re setshaba se tshwanetse sa lemoga gore se na le tshwanelo ya go etela dikolo go ela tlhoko ka fa bana ba bone ba rutwang ka teng le go tshwaragana le barutabana. Tona Dow o feditse ka gore go nna mme ebile a eteletse pele lephata le bontsi bo dumelang fa le na le dikgwetlho ga go ise go mo kgoreletse ka gope go dira tiro ya gagwe.

“Ke kile ka nna mmueledi, mokwadi, moatlhodi, motlhatlhelela-dithuto. Mme ke dumela tseo e ne ele matlhagolatsela mo tirong e ke e dirang gompieno. Tota go go bolelela nnete ga ke ise ke bereke ka thata mo go kalo mo botshelong jame,” ga wetsa Tona Dow jalo.