Naledi

Kgori nonyane ya magosi

 

Mo godimo ga boleele kgori gape ke setiammele ka ele bokete go di feta tsotlhe! Kgori e tonanyana ee godileng sentle e kgona go nna bokete ja dikhilokerama tse 19 (19kg). Kgori e na le menwana e le meraro ya maoto. Se se e thusa go itshesela mo mmung fa e taboga. Kgori e tonanyana le e namagadi di tshwana ka mmala. Pharologanyo e nne fela gore e namagadi e tshesane ebile khutshwane. Le fa Kgori e ka tswa e le mmampodi gareng ga dinonyane tse di fofang, e bowa kgakala mo go moremogolong wa dinonyane ebong Ntshe. Ke tsaya gore lo a itse gore Ntshe o bokete thata go ka fofa!

Kgori e borokwa jo bo yang kwa botubeng bo na le matlhasedi a bontsho le bosweu. E bonwa mo kgaolong ya borwa jwa Aferika mo mafelong aa bulegileng a maboana le ditlhare tse di boutsana tsa mo dikakeng. Mo Botswana kgori e bonwa kwa mafelong a dikaka jaaka Central Kgalagadi Game Reserve (CKGR) le Kgalagadi Transfrontier Park (KTP) le ka boutsana mo mafelong a mangwe aa seng sekaka thata. Kgori e tswa goolowe le Batswana jaaka go bonala le mo dianeng le mainaneng. Ke nonyane ee kgethegileng e nama ya yone e jewang ke  magosi le marena ka ele monate fela thata. Batswana ba dumela gore ga e jewejewe fela ke mongwe le mongwe ka e ka mo direla mathata fa a sa e rebolelwa.

Botshelo mo nageng

Le fa kgori e fofa, e dira jalo fela fa go tlhokega ka ntata ya bokete jwa yone. Tota sebaka se sentsi e tsamaya ka dinao jaaka ntshe yoo sa fofeng. Kgori e tshela lebaka le le leele la dingwaga tse di fetang masome mabedi. Le fa e tshela lebaka le le leele jalo, e tsala gangwefela mo ngwageng. Dikgori di kgona go tsamaya ka segopa, dile pedi kana dile nosi. Kgori e rata mafelo a maboana aa bulegileng a go seng dikgwa tse di kitlaneng go e fa sekgala sa go fofa. E rata ditlhare tsa marokhu jaaka mangana, makhi le maloto. Ka e rata borokhu, ke sone se e kgonang go bolawa ka go thaesiwa go dirisiwa ele kgogedi!

Kgori e kgona go tsamaya ka segopa sa dinonyane di ka nna thataro kana go feta. Segopa seo se tsaya malatsi a se kae fela se bo se phatlalala. Tota segopa se setona gantsi se thusa go di sireletsa mo dibataneng fa di bonye dijo tse dintsi tse di nolo.

Kgori e bonwa mo mafatsheng a botlhabatsatsi jwa Aferika (East Africa) a Kenya, Uganda, Ethiopia le Tanzania. E bonwa gape mo mafatsheng a borwa jwa Aferika a Botswana, borwa jwa Angola, borwa jwa Mozambique, Namibia, South Africa le Zimbabwe. Gase nonyane ya go kgarakgatshega fa dijo di le teng mo thoteng ya yone.

 

Dijo tsa kgori

Kgori gase motlhophantsi gareng ga dimela le diphologolo ka e kgona go dija ka go tshwana. E ja dirowa le maruswa, peo ya ditlhare tsa naga,  maungo le marokhu. Mme e boe e je diboko, tsie, dikhukhwane, ditsiakgope, diphepheng le mashokgwa, dikgopa, dipeba, malobu, mae a dinonyane tse dingwe le mamphorwana, bontseane le dinoga. Kgori e tsoma maphakela le maitseboa. Motshegare e nna mo mereting ya ditlhare go tshaba mogote wa letsatsi.

 

Go tsala le go kota

Kgori e tonanyana e kgona go kota tse dinamagadi di le dintsi. Morago ga foo kgori e namagadi e baya mae ale mabedi mo kutleng ee seng kalokalo a e a itlhokomelelang ka bonosi sebaka sa malatsi aa 23 go ya go 30. E a no e a tlogela nako e khutshwanyane fela go batla dijo. Le fa mamphorwana a sena go tswa mo maeng kgori e tonanyana gaena seabe sepe mo go a godiseng. Mmaaone ke ene fela yoo lebaganyweng ke morwalo oo go fitlhelela a gola a bo a iphataphatela. Diouranyana fela morago ga go tswa mo dikgapheng mamphorwana a kgona go sala mmaaone morago. Mme ere ale dibeke tse tlhano abo a setse a kgona go itshelatshelela dijonyana le fa a ntse a beile tshepho mo go mmaaone. Ere a setse a le dikgwedi tse tharo go ya go tse nne a bo a setse a kgona go fofa kwa ntle ga tshokolo. Fa a fitlha mo dingwageng tse pedi a tlogela mmaaone go iphataphatela. Le fa go ntse jalo, gaa simolole go tsala go fitlhelela ale dingwaga tse tharo kgotsa tse nne. Kgori e kgona go tshela dingwaga tse 25.

 

Baba ba kgori

Ka ele nonyane e tona kgori e tshwenngwa ke dibatana tse ditona tse di fitlhelwang mo dithoteng tse e nnang mo go tsone jaaka nkwe, tau, phiri, le phokoje. Tlhware le ntsu le tsone di a e tlhorontsha. Mo godimo ga tse kolobe ya nageng (mathinthinyane), ditshwene le bontsu ba bangwe ba babotlana ba ja mae le mamphorwana a kgori. Lefa baba ba yone ba le bantsi jaana, kgori e kgona go itwela mo dibataneng tse dinnye, e kgone go di tshosa le gone go di fenya.

Kwa ntle ga matshosetsi a dibatana tsa mo nageng, kgori jaaka nonyane e tona e tsongwa thata ka nama ya yone ele monate fela thata. Mono Botswana kgori ke nonyane ya marena ntateng ya nama ya yone ee monate. Kwa Namibia e bidiwa “Christmas Turkey” fa kwa Aferika Borwa e bidiwa “Kalahari Kentucky” go supa tota fa e ratwa bobe. Ga go motlhofo go laola go tsongwa ga yone.  Ka one mabaka a le a mangwe dipalo tsa kgori mo borwa jwa Aferika le kwa mafelong a mangwe di fokotsegile fela thata. Mangwe a mabaka a ke go fokotsega ga mafelo a di tshelang mo go one ntateng ya ditiro tsa temothuo, dikago tse di e kgothaganyang, dichefi tse di bolayang tsie, le go thulana le megala ya motlakase. Go tsala ka bonya, gangwe mo ngwageng, ebile e baya mae a mabedi fela go tsenya kgori mo kotsing ya go nyelela.