Naledi

Lepodise le tsieditse morekisi wa manoko

 

Constable Makgoeng gatwe o adimile  makgolo  a matlhano a dipula [ P500] mo go Mme Gloria Chibane Mathape  mme  a palelwa  gotlhelele ke go a duela mo lobakeng lwa dingwaga tse tharo ka mabaka a a sa tlhaloganyesegeng.

Ka jalo o  ne a le mo tshekong fa pele ga ga Kgosi Tikologo  Supang wa Letlhakane. Mongongoregi o ne a bolelela lekgotla gore ke motho wa itsholelo e e reketlang mme o tshela ka go tshematshema mo motseng a rekisa manoko go bona se se yang  maleng.

A re e rile ka kgwedi ya Moranang e tlhola lesome le bobedi ka ngwaga wa 2012, moiphemedi yo o tlholegang mo motseng o le mongwe wa Marobela, le mongongoregi, o ne a tsena kwa lelwapeng la gagwe a apere paka ya sepodisi e bile a kgweetsa koloi ya sepodisi. A re ka letsatsi leo, Constable  Makgoeng, o ne a chonne botlhoko mme a  kopa  gore a mo adime P500.

A re o ne a tsaya dipoelonyana tsa gagwe tsa thekiso ya manoko mme a adima moiphemedi.

Are ba ne  ba dumalana fela sentle gore madi ao a tla busiwa a na le morokotso wa 30%. Mongongoregi o tsweletse  a  re morago ga seo moiphemedi o ne a simolola go supa boferefere jo bogolo fa a ne a nna a mmaya fa le fa a gana go mo duela.

Are seo se ne sa dira gore sekoloto  se gole go fitlha e nna P1 500.00. Le fa go ntse jalo, a re o ne a felela a emisa go tsenya morokotso kgwedi le kgwedi ka a ne a lemoga gore Constable Makgoeng gaa batle go mo duela.

A  re  o  kile a ya kwa bagolwaneng ba gagwe kwa Rakops go ikuela mme  ba gakolola moiphemedi go duela mme a seka a dira jalo go fitlha jaanong. Morago ga seo a re o ne a ikuela kwa kgotleng kgolo ya Rakops mme a gakololwa go ikuela mo Letlhakane  ka  go ne gotwe ke gone kwa tiragalo ya kadimo e diragaletseng teng.

E re dikgang di eme jalo, se se kgatlhang ke gore boemong jwa go sobotla mongongoregi ka dipotso, monna wa lepodisi o ne a simolola go itshakgatsa ka bomo a bo  a  kopa Kgosi Supang gore a kobe mmegadikgang yo mo lekgotleng.

O ne a inanatha a ipoka gore ene o itse molao thata, o itse molao mongwe  o o ka itsang babegadikgang go nna teng mo kgotlatshekelo fa go sekisiwa motho. Fela, a  palelwa ke go tlhalosa gore ke temana mang. Kgosi o ne  a mo tlhokomologa mme tsheko ya tswelela.

Mosekisiwa o ne a dumela gore ke nnete o adimile P500.00 mo go mongongoregi. 

Fela, a ganetsa gotlhelele gore ba dumalanye gore madi ao a tla duelwa a na le morokotso wa 30% kgwedi le kgwedi fa a sa kgona go duela. Morekisi wa manoko le lepodisi ba ne ba ngangisana ka lobaka ba sa dumalane mo tshekong eo.

Morago ga tshekatsheko e e tseneletseng, Kgosi Supang  o ne a ntsha katlholo  a laola gore moiphemedi  a duele mongongoregi P500.00 mo malatsing  a le lesome le botlhano goseng  jalo o tla gapelwa dithoto, di rekisiwe go duela mongongoregi.

A  re  o  ntshitse  katlholo  eo  ka  gore  go adimanywe madi a e seng a kgwebo gape pampiri ya tibiso molato  e  supa gore  o sekela sekoloto sa P500 eseng P1 500.00.

Morekisi wa manoko o dule mo lekgotleng a hutsafetse fa lepodisi lone go ne go lebega le ruamarumela mo pelong ka le tshwamotse go duediswa P1 500.00.

Le fa go ntse jalo, Kgosi Supang o ne a gakolola mosekisiwa gore a tlogele go adima  madi a batho fa a itse gore ga a kake a kgona go a duela go tila dikgotlhang ka e bile ele modirelapuso yoo tshwanetseng go thibela tlolomolao.