Naledi

Kgosana Tlhagwane o abela morafe

Erile a ba fa dithoto tse beke e e fetileng, Kgosana Tlhagwane a bolela fa Batswana go tswa bogologolo tala e ntse e le tshaba e e tletseng lorato le mautlwelo botlhoko. A re  Batswana ba bogologolo ba ne ba sa rate gotlhelele go bona ba bangwe ba sokola le go sotlega ka ntlha ya letlhoko le bohumanegi. A re se ke sone se thusitseng thata gore Batswana ba gole e le tshaba e e bopaganeng ebile e dirisanya sentle ntle le go nyatsana.

O ne a tswelela a bolela gore tirisanyo e ya merafe ya lefatshe la Botswana, e ne e gogwa kwa pele ke dikgosikgolo le bomonnaabone, a tlhalosa fa e ne e le tsone di rutang le go rotloetsa merafe ya tsone go thusa ka tsela nngwe le nngwe botlhe ba ba senang sepe. O tlhalositse fa dikgosi di ne di dirile mananeo a letsema, molaletsa a a neng a diretswe go hira ba bangwe gore le bone ba obe lebogo go bona se ba ka se jang le bamalwapa a bone.

Kgosana Tlhagwane a re e ntse e le mo go thuseng ba ba dikobo dikhutshwane mo botshelong, Batswana ba ne ba na le thulaganyo kgotsa mokgwa wa go hira  wa mafisa, o a reng dikgomo dingwe tsa ba ba nang natso di le dintsi thata di ne di neelwa ba ba tlhokang go di tlhokomela, mme tota e le gore di thuse mo lwapeng le ka mashi.

Ka le ene e le mong wa morafe wa Masukudu jaaka kgosana ya bone, Tlhagwane a re o ne a bona go le botlhokwa gore a eme ka dinao go nna sekao mo morafeng o wa gagwe, eleng seo a neng a tsamaya le kgotla e ya gagwe go bona ba a tshwanetseng go ba thusa le go ba naya seriti sa botshelo jaaka tautona wa lefatshe la Botswana Dr Lt General Ian Khama a kopile.

Kgosana Tlhagwane a re ga a rate go bona morafe wa gagwe o jewa ke tshotlego a o lebile. A re o tshwanetse go ema ka dinao go thusa fa a kgonang teng, se mme e le gore ene o na le sengwe le sengwe, fela a dumela gore o ka kgaogana lemmenyane la lelwapa la gagwe le bangwe ba morafe wa gagwe. 

Ka ntlha ya se o ne a tlogela malwapa a le masome mabedi kwa Masukudung a tletse boitumelo le gone go mo lebogela thuso e e kanakana e, ba re dithoto tse tsa gagwe di tsile ka nako e e maleba. Ba re kgosana Tlhagwane a tlhogonolofale a bo a atlege thata mo botshelong.  Tlhagwane o ne a boa gape a kopa batho ba kgotla ya Masukudu go thusa ba bangwe ka dithoto tse di farologanyeng, a re ga go tlhokafale gore motho a bo a na le dimilione tsa dipula go abela mongwe yo o tlhokileng lesego. A re le fa thuso e ka nna bonnye bokae, yo o e bonang ene o itumela thata ka a ntse a e tlhoka segolo bogolo.