Naledi

CELIAT, BTTA di nyalane gape

 

Fela jaaka ngwaga e e fetileng CELIAT e boa gape e tsena mo nyalong le BTTA gape ka maikaelelo a go bona BTTA e tshegetsa liki e nngwe gape, jaaka CELIAT e goroga ka P50,000.00 monongwaga.

Fa go rolwa thotloetso ya madi le gone go simolodisa liki ya monongwaga kwa holong ya metshameko ya lekgotla la metshameko la Botswana (BNSC) beke e e fetileng, mookamela lekgotla la BNSC Falcon Sedimo, o ne a bolela fa go itumedisa go bona dikompone tse di ikemetseng di bona go le botlhokwa thata go thusa mo tlhabololong le kgolong ya metshameko ya lefatshe la Botswana.

Sedimo a re le fa puso e na le tshwanelo ya go thusa metshameko, se gase tiro e e bonolo jaaka bangwe ba gopola, ka metshameko e tlhokana le madi fela a mantsi thata, a go seng bonolo gore puso e ka kgona go a bona.

A gatelela gore ke boammaaruri jo bo sa jelweng pheko gore puso ga e kake ya kgona go thusa metshameko e le nosi, eleng seo go leng botlhokwa gore bagwebi le dikompone tse di ikemetseng di tsenye lebogo go thusa.

A re se kompone ya CELIAT e se dirang mo motshamekong wa thenese, ke se a bonang se tshwanelwa ke go rolelwa hutshe le go oba lengole go leboga, ka e le thuso fela e go seng ope yo o ka reng ga a e bone, kgotsa ga a itse botlhokwa jwa yone.

A tlhalosa gore go utlwa fa CELIAT Construction Company e setse e rotloetsa BTTA lekgetho la bobedi ke mafoko a a monate thata go tsena ka ditsebe tsa gagwe, ka go lemosega sentle gore kompone e, e itse se e se dirang.

O ne a gatelela thata thuso e ya madi go tswa CELIAT, ga e rotloetse metshameko ya liki fela, mme e tla a thusa gape gore batshameki ba tiye moko le go tsenya marapo mo dinameng ka ba itse fa go na le meputso e ba tla a e bonang fa liki e wela.

Se a reng se tla a ba thusa go itlhokoletsa dikgaisanyo tse ditona tsa mafatshefatshe, ka lefatshe la Botswana le lone le eletsa go ipona le ntsha dinaledi tsa thenese.

Fa a bua ka liki e ya thenese, modulasetilo wa BTTA, Kudzanani Motswagole, o boletse fa liki e e le thata ka e tshotse batshameki ba le borobabobedi ba ba kwa godimo mo lokong, ba a reng ke banna le basadi ba ba tshotseng kitso le maitemogelo a a kwa godimo a motshameko wa thenese ya tafole. O ne a tlhalosa fa CELIAT e setse e rotloetsa liki e ya bone lekgetho la bobedi morago ga go simolola le bone ngwaga e e fetileng.

Ba kompone ya CELIAT ba ile ba bolela fa ba ikutlwa ba le motlotlo go bona ba na le seabe mo go thuseng go tlhabolola le go godisa metshameko mo lefatsheng la Botswana, bogolo jang wa thenese ka ba itumelela thata go dira le komiti e e o gogang kwa pele. Ba re e ke nyalano e e dirilweng ka boammaaruri go tswa kwa legodimong.