Naledi

Go thata go rotloetsa mabole a Bomme � Ngubula

Se se ne se tlhalositswe ke morotloetsi wa mabole a duelelwang mono gae; Bond Ngubula fa araba potso mo phuthegong ya babekgang beke e fetileng kwa Notwane Club.Ngubula le kompone ya gagwe, Bond Boxing Promotions ba ne ba biditse phuthego eo, go tla go rola thulaganyo ya dintwa e tla nnang ngwaga ono, kgwedi ya  Mosetlha e le masome mabedi.

Ngubula a re o ne a ka rata go rotloetsa bomme magareng ga borre ba a nang le bone fela tota nnete ke gore mabole ke motshameko o tlopelesegileng ka borre.O tsweletse ka gore bomme ba a go tsamaya ba nna le dikgwetlho tsa go fitlhelela fa seemong se se kgotsofatsang.

Ramabole yo wa pele a re, selebego sa mabole a duelelwang(professional boxing) ke se se fa godimo ebile se tlhoka tlhwaafalo e tseneletseng. A re ke seemo  se se akaretsang bana-le-seabe ba tshwana le bagwebi ba eleng gore bone ga ba batle sepe fa e se dipoelo.

O tladitse ka gore mabole a bomme ga a ise a kgatlhe go le kalo mo go ba dikgwebo ka jalo go nna thata go ba bonela barotloetsi.Ngubula a re le bone bomme ga ba kalo mo motshamekong ka jalo go thata go ba bonela ba ba lwang le bone.

Go solofetswe gore Patrick Seoko a mekamekane le ramabole go tswa Aferika Borwa ka leina la Morapedi Khloe. Motshameko o  ke o ne mangmang magareng ga e mengwe ebile o solofetswe go tlola ditlhase.

Metshameko e mengwe e tla thulanya Tefo Letshikgwane le Keitshokile Makushe.Lava Omar a tlholega kwa Bahamas mme a ikatisa le Bond Boxing Promotions o solofetswe go kopana le  Yamodimo Baitshepi fa Tshepiso Mokgadi ene a tla bo a nale Moreki Maiketso. Dintwa tse di tla tshwarelwa kwa Gaborone City Council.