Naledi

Bamabole ba itlhokoditse � Maragana

 

Ka jaanong ditlhopha tsotlhe di kgonne go tshegetsa kgaisanyo mo dikgaolong tsa tsone, batshameki le bone ba itlhokoditse go utlwala, matlho a rotogile go leba kwa kgaisanyong e tona ya setshaba kwa batshameki ba tla a supang fa e le dinaledi tsa boammaaruri teng.

Dikgaisanyo tse tsa ditlhopha tsa mabole, go ya ka moanamisa mafoko wa lekgotla la BoBA, Kenny Maragana, di ne di tshwarwa jaana ka maikaelelo a go thusa ditlhopha kwa di leng teng go tlisa motshameko wa mabole kwa bathong kgotsa baagi ba kgaolo e e rileng. Se a re e le gore go seka ga tloga ga bonala fela okare motshameko wa mabole ke wa ko ditoropong fela, mme se se tloge se kobe Batswana mo motshamekong o, bogolo jang ba ba kgakala le ditoropo. A re go dikologa lefatshe lotlhe la Botswana ba tshwara dikgaisanyo tsa mabole, go thusitse thata go ngokela barati le balatedi ba motshameko wa mabole mo go one, ka ba ne ba o lebelela ka dipalo tse dintsi fela thata go gaisa pele. O tlhalositse fa baagi mo metseng le dikgaolong ka go farologana ba boletse fa ba eletsa go bona go nna jaana ngwaga le ngwaga, ka e bile gape go ba thusa go itlosa bodutu ka sengwe se se pharologanyo.

Dikgaisanyo tse, Maragana o tsweletse a bolela fa gape di ne tsa ngokela banana ba bangwe mo motshamekong o wa mabole, ka ba nnile le sebaka sa go bona balekane ba bone le ba ba tswang mo magaeng a bone ba aja monate wa go itaya lebole mo mosakong, eleng seo dipalo tsa maloko a ditlhopha di ne di oketsega.

Maragana o ne gape a bolela fa dikgaisanyo tse di ba thusitse thata e le ba BoBA go tshegetsa dikgaisanyo tse dintsi thata tse a reng di ne di dirisiwa go itlhokoletsa dikgaisanyo tse di fa pele, e le tsa ditlhopha, le tsone tse di tona tsa mafatshefatshe.

A re bangwe ba batshameki ba bone ba ne ba kgona go dira sentle le go gapa bosimega. A re jaanong matlho a lebile kgaisanyo e tona ya mabole ya setshaba kgwedi e e tlang.