Blogs

A dijwalo tsotlhe di a rojwa?

Nako eo re ne ra bua ka go tsala. Kgang e ne ya re lefoko le, le raya go nna le ngwana.

Ra tswelela ra re, fela jaaka re buile fa godimo fale, lefoko le, le dirisiwa fa go buiwa ka dilo dingwe mme mo go tse dingwe, ga le dirisiwe. 

Boemong jwa lone, go na le mafoko mangwe a a dirisiwang. Ao mafoko ke afe?

Re itse fa dilo tsotlhe di tsala. Diphologolo, dinonyane le ditshedi tsotlhe fela di a tsala. Mo gae, kgomo, podi le diruiwa tse dingwe di a tsala.

Go ntse go ntse jalo, ka Setswana, ntsa ga e tsale, kolobe le yone ga e tsale. Ka Setswana, boemong jwa go tsala, dilo tse ga twe di a tlhatsa.

Ntsa fa e na le bana ga go twe e tsetse, ga twe e tlhatsitse.

Kolobe le yone fela jalo. Le fa bangwe ba a tle ba dirise lefoko go tsala fa ba bua ka motho, mo ditsebeng tsa ba bantsi go bua jalo ga go monate. Ka Setswana, ngwana ga a tsalwe, o a tsholwa.

Ee, go ka twe go na le letsatsi la matsalo, kana ngwana a bidiwa leina ga twe ‘O tsetswe’ mme fela nako e a gorogang, ga twe o a tsholwa, go twe o tshotswe, e eng o tsetswe. 

A jaanong re lebe ka ntlha e nngwe gore gone go dirisiwa afe mafoko?

Motswana o a lema, e re a sena go lema, a letele dijwalo gore di butswe. Fa dijwalo di setse di budule, phefo e fetile ka tsone kgotsa e tlhabile, go a rojwa.

Potso gompieno ke gore, a mme dijwalo tsotlhe di a rojwa/robiwa?

Ee, dijwalo tsotlhe di a rojwa. Mme go ntse go ntse jalo, go na le mafoko mangwe a a dirisiwang mo go dingwe tsa tsone, boemong jwa go roba.

Fa ditloo di baya, di tshelwa mmu fa godimo.

Mmu o, ga o tshelwe go di hupetsa matlhare.

O tshelwa fela kwa tlase gore di tle di beye sentle. Go dira jaana ga twe ditloo di a bipiwa. 

Fa jaanong di setse di budule, gongwe e bile di omile, di a katololwa mme go twe di a bipololwa. Go bipolola mo ke gone fa ditloo di rojwa.

Dinawa le tsone fela jalo. Ba le bantsi malatsing ano ba re dinawa di a rojwa mme tota Setswana ga se re di a rojwa. Re itse gore motang wa nawa o na le matlhare. Pele ga tsone dinawa tota di ka jewa, go jewa matlhare a, e le morogo.

Fa morogo o o kgetlwa, o hulwa, ka Setswana ga twe o a giwa. Ga se wa dinawa fela; morogo mongwe le mongwe o a giwa.

Dinawa le tsone fa di setse di budule, di omile, di a hulwa, mme go twe di a giwa. Ee, go ka twe di a hulwa, di a rojwa jaaka bontsi bo bua gompieno mme tota lefoko le le tlhomameng ke go ga (go giwa). Motswana a re, “E re o di ga, o di tlatsa kgama, o bo o itse di na le morwadi.

O a bo a tlhagisa motho gore e re a dira tiro, a e itekanye, a se ka a e dira ntsi, e se re gongwe a tloga a imelwa, a palelwa ke go e fetsa.

E le sekai, Morwadi o ka ga tsone dinawa tota a di tlatsa kgama, mme ya re a re o a rwala, a fitlhela go le bokete mo a sa kgoneng go ithwesa.

E re go padile, a bitse mongwe go mo thusa. Gone fa, bangwe ba ka botsa gore, o di gile a di tlatsa kgama a re di tlaa rwalwa ke mang? Yo mongwe a re, o di gile a di tlatsa kgama di se na morwadi;  a raya gone gore Morwadi ga a ka a itekanya morwalo.

Fa re fetela fa pele, go na le ntshe/ ntshwe. Yone e a tweng? Fa ditloo di bipololwa, dinawa di giwa, ntshe yone e a rengwa (remiwa).

Ga twe fa e le e kima, e e thata, e rengwa ka selepe fela jaaka go rengwa ditlhare. Ka gale fela, e segwa kwa tlase ka thipa mme e bo e le gone fa e rengwa.

Go ntse go ntse jalo, go na le magapu, maphutshe, marotse le tse dingwe tsa ‘sika loo thotse.

Tse tsone di a kgolwa; di kgolwa mo morapong.

Potso e rile, a dijwalo tsotlhe di a rojwa? Re tlaa wela re re, dijwalo tsotlhe di a rojwa  mme go roba ke lefoko le le gobokang.

Mo godimo ga lone, go na le mafoko a sele jaaka re setse re supile, a a dirisiwang fa go buiwa ka dijwalo ka go farologana ga tsone.

Ditloo di a bipololwa, dinawa di a giwa, ntshe e a rengwa, fa magapu, marotse le tse dingwe fela jalo, tsone di kgolwa.

motshwanes@yahoo.com