Blogs

A re go ja eng? (8)

E re re ntse re tswela pele go tle le lengwe lenatetshapuo le re go na le go ja dijo tsa ditoro. Mme a re go lemotshe gore le, le farologane le manatetshapuo a mangwe le tshwane le la ntshwakgo, tlwae, le kgakge, ka ao ga a tlhamalale a re go ja… Re setse re bonye gore lenatetshapuo la ntshwakgo ga le re motho o ja ntshwakgo la re o jele ntshwakgo. Ra bona gape gore gone fa, boemong jwa ntshwakgo, bangwe ba re motho o jele tlwae. Fela jalo le ka kgakge ga go twe motho o ja kgakge. Ga twe a sala a jele kgakge. Ga nna jalo le ka dijo tsa ditoro. Setswana ga se re go ja dijo tsa ditoro sa re go ijesa dijo tsa ditoro. Gone mme go raya eng? Go raya go eletsa, kana, go batla go nna le sengwe mme selo seo se le thata gore motho o ka se bona kgotsa a se itirela.

 Jaanong e le sekai a re re Sapelo le Wapitse ba eme fa tlase go tsela ya Letloping le Khudiring. Fa ba sale foo, koloi ke eo e tla e gagasela e ya Mmadithotse. Go e bona Sapelo a e rata thata a re, ‘Hei, koloi ele e ntle thata le mosepele e bonala e ka o tsholetsa. O ngwaga ga o fele ke ise ke e reke.’ Go utlwa Sapelo a ipoka jaana, Wapitse a hakgamala a re, ‘Ao, wena?’ Sapelo a re ‘Nna tota.’ Wapitse a ipoeletsa a re, ‘O itshwanna le nna jaana, e le gore o tlaa bo o e reka ke eng? A gana Sapelo a re, Nnyaa rra ga ke tshwane -nao. Ke ntsha lesaka lotlhe la me la dipodi tse di masome matlhano, ke a rekisa, ke ya go e goga.’ A tla gape Wapitse a re, ‘Nnyaa rra o ijesa dijo tsa ditoro. Ele ga se e e rekwang ka dipodi e batla makgolokgolo a dikgomo’. A tla Sapelo a re, ‘Eo rra kakanyo ke ya gago. Ele koloi ke ya go tla ka yone.’ A bua jalo Sapelo mme Wapitse ene a bona mosimane sa  gagwe e le fela go eletsa go nna le koloi mme go e reka gone go le thata ka e bonala e tura, e batla madi a mantsi thata. Go ntse jaana, o eletsa go dira selo, e bile o dumela gore o ka dira mme gone tota go le thata gore o ka kgona ke gone Motswana a re o ijesa dijo tsa ditoro.

E nne e lele voorslag mosepele o tswele pele mme go tle e nngwe papisapuo e re go na le go ja mogopo o tletse. O mogopo, e se wa dijo wa go jewa ke Segompo a le nosi a o fetsa mpa e bo e sala e gompetse, e ngamogile. E le ofe?  Motlha mongwe, e ka re ka mabaka mangwe, motho yo mongwe a se ka a go .buisa, kgotsa, a go direla sentle mme wa utlwa botlhoko, wa tenega. Fa go ntse jalo, o batle gore le wena o mo utlwise botlhoko mme o dire go feta jaaka a go dirile gore ke gone o tle o wele maikutlo, o wele pelo. Gongwe o kgone o dire jalo mme le ene a hutsafale, a utlwe botlhoko go go feta. Go bona le ene a lela, a hutsafetse thata, o itumele. Seo e nne gone fa o o ja mogopo o tletse.

Gone fa, a re beye sekai re re ka le setse le tlhatlogile Seopana o batla go apaya gore e re motshegare ba bone sengwe sa go fora mala. Jaanong, fa a setse a baakantse dilo tsotlhe, a batla go tlhadiya o fitlhela go se na metsi. Go bona se, ke yoo o bitsa Mpilwana a re a itlhaganele a ye go ga metsi. Ke gore a ye nokeng. A wela tsela mosetsanyana a tshematshema. Fa a ntse a le mo tseleng ke yoo a fitlhela Ohubala.

Tsa bo di kopanye ditsala Ga jewa dikgang wa ngotlega mosepele. Ke bao ba goroga, Ba a fitlhela metsi ba bowa mme go ntse go gogwa dinao fela. La bonwa e mang le ema letsatsi? Lone la nna la tsamaya. Kwa lwapeng kwa, Seopana o sale jaaka a lebile tsela. A re, ‘Tsela nnaya motho’. Tsela ya re, ‘A le kae Mpilwana?’

Fa Seopana e kete o tlaa itlhoboga ke yoo a goroga a tla ka one metsi.  Go mmona mmaagwe a re, ‘O sale o ile jaana, o fitlhetse noka e kgadile, kana, e hudugile? E hudugetse kae?’  Mpilwana a re, ‘Nnyaa mma ga e gope e ntse e fela fa e teng le go kgala ga e a kgala.’   A ipoeletsa mmaagwe a re, ‘Jaanong o ntse o tshwerwe eng? Ga o bone gore letsatsi lone le a tsamaya ga le a emela motho a tsamaya a goga dinao jaaka wena jaana?’ A tla ka a sele Mpilwana a re, ‘Ke a bona mma gore le a tsamaya e bile ga ke ka ke (e seng kake) ka le emisa mme ke maoto mabedi, ke tsamaya ka dinao, fela jaaka mongwe le mongwe. Ga ke nonyane ga ke fofe.’ Ya ne e kete o ne a ntse a e beile foo Seopana. A e goga a re,’Ngwana ke wena, o mpuisa jang? E a re ke tlaa o ja o tletse ngwana a tshwane nao a mpuise jalo.’ A e mo tshela a re,’Ke tlaa go gagola.’ A inaya naga Mpilwana. Go mmona a siya, a itumela thata mmaagwe mme ke gone a tlaa reng o ne a ja, o jele, mogopo o tletse.