Naledi

Thuto boswa � Sebego

Sebego
 
Sebego

Letsatsi ya bo ele la go ipelela moletlo wa kabo dietsele, mme mo lalediwa wa tlotla ya bo ele moithuti wa pele wa sekolo se, Tebogo Sebego.

Ya re go amoganeng molaetsa wa letsatsi le baithuti, ba ba neng ba akaretsa ba lokwalo lwa ntlha go fitlha kwa go la bosupa, Sebego a ba gakolola go nna kelotlhoko fa ba lopa botsala mo bankaneng ba bone.

A re go re moithuti a ipone a tlhwaafaletse dithuto, ke gore a bo a na le ditsala tse le tsone di nyoretsweng katlego.

“Thuto ke boswa banaka, le itlhaole mo go ba ba sa eletseng isago mme lona le itlhokoletse bokamoso jo bo ntle,” Sebego a rialo.

Sebego o tsweletse a bolelela baithuti gore, fela jaaka bontsi jwa bone, a goletse mo lelwapeng le le neng le sena itsholelo e e kalo. A re o ne a nna le batho ba ka nna masome a mabedi, mo ntlong ya dikamore tse tharo. Sebego a re seemo se se ne se atle se mo pateletse go robala le batho ba ka nna borataro go ya bosupeng mo kamoreng.

“Le motlakase o ne o seyo, re bala ka kerese le parafini, gape kwa lwapeng go ne go rekisiwa bojalwa. Mme ntle le dikgwetlho tse, ke ne ke na le motsadi yo o lorato a sokolela matshelo a rona tota, e bile a netefatsa go re ema nokeng mo thutong ya rona,” Sebego a tlhalosa jalo.

O ne a tswelela a re o ne a ititaya sehuba, le go loma molomo wa tlase, gore a falole ka maduo a mantle le kwa mmadikolo tota, mme a nna mmueledi.

Sebego, yo gape eleng tautona wa Lekgotla le le tsamaisang merero ya kgwele ya dinao mo Botswana, a re o lemogile mo dingwageng tsa fa a ithuta go re, khumo ga e netefatse katlego mo go ithuteng, a bolela fa bontsi jwa baithuti ba a neng a lemoga fa ba tswa kwa malwapeng a a itsholetseng, ba sa kgona go fitlhelela katlego jaaka ene.

“Bontsi jwa bone ga baa kgona go fitlhelela kwa mmadikolo. Bangwe ba ne batswa kwa malwapeng aa humileng mme ba sa tlhwaafalela thuto,” Sebego a rialo.

Ya re a itebaganya le batsadi, Sebego a ba kgothatsa go latedisa tiro ya bana ba bone ya sekolo. O ba kopile go netefatsa fa bana ba apara paka e e phepa le fa ese ya selebego se se rileng.

“Tlhatswang paka ya bana le fa e sa itekanela. Mme gape, lo buise bana ka lorato le fa gongwe lo sa tlhaloganye tiro ya bone, ka seo se ka ba kgothatsa go tlhwaafalela thuto,” Sebego a rialo.

E ntse ele kwa moletlong o, Mogokgo wa sekolo sa Therisanyo, Segomotso Kejelepula, o ne nankola ditso tsa sekolo se, a bolela fa se simolotswe ka ngwaga wa 1979. A re mo dingwageng tse di fetileng, sekolo se ntse se tokafatsa maduo a sone mme se se itshupile ka go alosa barutegi ba bantsi.