Blogs

A re go ja eng?(9)

Go bula tsela gompieno re re, re setse re kile ra supa gore fa Motswana a rata selo, a se itumelela, a re o se ja monate. E tlaa re Tshelwana a utlwa pina e opelwa fale ka botswerere a re, ‘Hei, pina ele ke e ja monate gore! A raya gore o a e rata, o a e itumelela. Mme ga se dilo fela jaaka yone pina tse Motswana a tle a re o di ja monate. E a re fa motho a ka dira tiro nngwe ka botswerere ya itumelelwa, Motswana a re o ja motho yoo monate.

E le sekai a re re basimane ba ga Kgabutlwe kwa Gapalakhudu, Masigo le Malematsi, ba tsogile ba tlhabile podi. Ba bua ba fetsa mme Dintlhotse a ema a apaya serobe. Fa se setse se budule, go tloga go tsholwa, ga tsena Tlhobaelo mme le ene a newa mogopo wa gagwe. Ke yoo a isa ganong a utlwa go le monate thata. Go utlwa monate oo, Tlhobaelo a re, ‘Hei, serobe se se monate thata. Go ne go apeile mang?’ Malematsi a re, ‘Go ne go apeile Dintlhotse.’ A ipoeletsa Tlhobaelo a re,’Fa e le gore ke ene mosimane yo o itse go apaya thata.’ A tla gape Malematsi a re, ‘Tsotlhe di ka mo tlhola mme fa e le serobe sone rra, nnyaa. A a se  go apeele o tlaa mo ja monate mosimane yo. Foo ga a na molekane.’  Tlhobaelo a re, Ke dumela tota ke a se utlwa.’ Gone fa, ka go ja Dintlhotse monate, Malematsi o raya gore e tlaa re fa Tlhobaelo a tlaa itumelela mosimane, a mo rata, e bo e le fa a apeile serobe ka o itse go se apaya thata. O setswerere.

Fa re ntse re gogela pele go tle e nngwe papisapuo e re go na le go ja motho direthe. Go raya eng? Go raya go seba. Go seba gone e le eng? Go seba e le go bua sengwe se se maswe, kgotsa, dilo dingwe tse di maswe, bosula, ka motho a se yo. A se fa go wena fa o leng teng ka nako eo. Mme ka ke selo se se maswe o se ke o batle gore motho a itse ka sone; gore o ne wa bua jang ka ene. Nako nngwe e re fa mongwe a ka utlwa tse o neng wa di bua ka ene go tsoge ntwa e gongwe e tlaa reng Mokotedi a e bona a itumele a re, ke ao mabogo dinku a a thebana mme batho bone ba sale ba jele kgakge. Gone fa, a re boele morago re re letsatsi lengwe ke lele re ne ra bona Osesane a gakaletse ngwana, e leng, Thitelwana, monnawe, a re ga a itse go apaya o mo jesa diphure. Jaanong, gompieno jaaka gale, ke bao ba iketlile ba ja dikgang. Fa ba ntse ba tsweletse Thitelwana o boela kgang ele a re, ‘Osese ga ke rumulane tlhe mma ke batla go go tlotlela sengwe.’ Osese a re, ‘E le eng seo?  O a bo o ka simolola.’ Thitelwana a re, ‘Nnyaa mma ga se sepe se se molato. Ke ne ke re ke go tlotlele fela ka mongwe ka re tsere dikgang.’ Osesane a re, ‘Ee mma a di tle.’ A tla ka tsone Nthite a re, ‘O kile wa batla go nja nko e sa butswa o re ga ke itse go apaya ke go jesa diphure. Ga ke itse gore fa e ne e ka re tsatsi lengwe wa apeelwa ke Ketelelo gone o ne o tlaa re o ja eng.’ Osese a re ‘Yoo ke ofe kana?’ Thite a re, ‘Ao, a ga o mo itse wa ga Mma Galetsenwe?’ Osese a re, ‘Ehe, ke a mo itse. Tsa gagwe di ntse jang?’

A tswelela Thitelwana a re fa ba mmolela ba re,  yoo o se bone go tlhola a phatsima jaana e kete letsatsi dinala le tsone di ela dilo tsa makgowa. Ga go na motho mo go ene. Kwa ga gagwe, go tlaa lebega fela fa bana bangwe ba le teng, kana, le fa e se bana, motho mongwe a le foo a mo direla. A le nosi, tlhoboga. Leina la ya mareelelong. A rewa ga twe Ketelelo sa gagwe ya nna gone go etelela fela a ntsha ditaelo gore go  dirwe se, go dirwe sele, o tshware fa, o tshware kwa, ene le go tshwara sepe a sa tshware. Ba re e  re a tlaa ja monate, go buiwe ka sengwe, go tsoge modumo. Ke yoo, o tlaa gagaolega go gaisa le tsone  digwagwa tsa Boleladigwagwa tota. Ditsala tsa re, foo, e bo e le gone fa a segetswe ka fa lehureng. A nna a tswelela Nthite a tlhobosa Nketi a mmolela a tlholwa, ke gore a palelwa, ke go apaya.

Fa Osese a mmotsa gore a itse jang gore Nketi ga a itse go apaya. Nthiti a bolela fa a ne a utlwa dijo tsa ga Nketi letsatsi lengwe a na le tsala ya ga ene Nketi kwa ga gagwe. A re a tsaya a isa ganong ga gasagasega sengwe le sengwe se tsaya tsela ya sone. A bona gore tota ga go na tiro mo go Nketi. Go ne go buiwa jaana ka Ketelelo ene a se yo foo, ke gone Motswana a tlaa reng  Thitelwana le mogolowe ba ne ba a ja Nketi direthe; ba mo seba. Gore go tlaa nna jang fa a ka di utlwa Nketi ga re itse. Kgang ke ya bone koo. Rona re ne re feta fela ka tsone. A di sale le beng.