Naledi

Ruta ngwana, boloka isago � Lekaukau

Fa a rola molaetsa wa tshimolodiso tiro e, Monnasetilo wa Botswana Post Foundation, Mme Tshisimogo Lekaukau, o supile fa ba bone go tshwanela go thusa mo tlhabolong ya thuto mo lefatsheng leno. Lekaukau a re ga se lantlha ba abela lephata la thuto le fa ba sena ditsompelo tse di kalo.

O tsweletse ka gore, lekgotla la bone le rwele maikarabelo a go ema nokeng maiteko a puso a go beeletsa isago ya lefatshe leno mo baneng ba lone ka thuto e e maleba. Lekaukau a re, moono mogolo wa bone ele ba Botswana Post Foundation ke go tlhabolola matshelo a batho mo mafelong a ba direlang kgwebo mo go one.

O boletse fa ba setse ba thusitse le banana, segolo bogolo ba ba mo dikgwebong. A tlatsa ka gore ba tiisiwa moko gape ke go tshwara ka thata ga baeteledipele ba selegae ba ba tsamaisang mananeo a a abelwang metse ya bone ntswa bontsi ja bone ele baithaopi.

Fa a amogela dimpho tseo mo boemong ja Lephata la Thuto, Rapelang Bogatsu, o ne a supa fa ba le motlotlo thata gore go bo go tlhophilwe go abela bone.

Bogatsu a re go abela ngwana ke go bopa isago. A re tsholofelo ya lefatshe leno e mo baneng ba lone. A re ke sone se ba itumelelang gore ba diposo ba itlamile go ba thusa go fitlhelela moono wa bone wa go neela bana thuto e e nang le boleng.

“Thuto ke peeletso e kgolo mo baneng ba rona,” Bogatsu a bua jalo. A tswelela ka go supa gore ba diposo ba tlaa ba thusa gore thuto e fitlhe kwa bontsing ja bana ba lefatshe leno. Bogatsu a re ke fela fa re neetse bana thuto ee maleba re ka kgonang go tswelela pele rele lefatshe.

Ditafole tse di kailwe fa di tla seke di dirisiwe fela mo matlwaneng a borutelo mme di ka dirisiwa le kwa ntle. Ke sone se Bogatsu a neng a re o gopola nako ya bone ba tsena sekole fa ba ne ba rutelwa ka fa tlase ga ditlhare, a tlatsa ka gore ditafole tse di tla dira go ithuta motlhofo le mo mabakeng a go nna jalo.

“Re tsile go di dirisa sentle”, ga solofetsa jalo Bogatsu ka ditafole tseo tse go kaiwang fa di tla abelwa bana ba le makgolo matlhano ebile di lopile madi a fetang P232 000. Fa a tswa la gagwe, mookamedi o mosha wa diposo, Cornelious Ramatlhakwana, o ne a re ba itumelela go abela lephata la thuto ka gotwe go sego letsogo le le abang.