Naledi

Bomme ba rotloetsa kgokgontsho � Sepodisi

Mo potsolotsong le mogolwane wa mapodisi a Serowe, Assistant Superintendent Bopelo Ntatiwa Bosheng, o tlhalositse fa seemo se e setse ele selo modiro. Ntatiwa a re ba begelwa dikgannyana fela tse di tsenang mo seatleng tsa kgokgontsho, mme fela bontsi jwa tsone ga di goroge kwa go bone. “Ka maswabi mo go jone bonnyennyane joo, dikgeang tse di felela di tshololwa mme fare tlhotlhomisa, go umakwa mabaka aa farologanyeng a go dira jalo.Bangwe ba re ba dumalane go agaisanya ntswa molato e ne ele o o masisi.

Ntatiwa a re borre bangwe ba badiramelato e ka ba setse ba solofeditse bomme ba manyalo, mabaka mangwe e nne gore, “gake batle go senya rraagwe ngwanake kgotsa monna wame leina kana go mo senyetsa tiro,” Mme mo ke go tsenya botshelo jwa mme mo diphatseng ka rre o boa a ipoeletsa mo molatong o.

Le fa go ntse jalo, mapodisi a boletse fa ba itemogetse gore go tswa ka ngwaga wa 2012, go fitlha jaana, ba begetswe melato ya kgokgontsho ya bong ele mmalwa e e akaretsang dipetelelo tse gape di amang balwalatlhaloganyo, dititeo, dipolaano, go gobatsana, gammogo le gone go senyaka dithoto tota mo kgaolong ya Serowe fela.

A re ngwaga ono fela, ba itemogetse dikgang di le masome matlhano le bosupa (57) tsa petelelo, tse lesome le bone (14) tsa tiriso ya bana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse lesome le borataro (16) botlhaswa, tse makgolo a mane, lesome le bobedi (412), tsa dititeo tse borobabobedi (8) tsa dipolaano. .“Mo melatong e mengwe, re begetswe dikgang tse masome a marataro le bongwe (61) tsa go gobatsana, le tse masome a le borobabongwe le botlhano (95) a go dirisa ditlhapa. Melato e ya dipalo tse di kwa tlase ke wa go phoraphora oo nang le dikgang di le tharo le wa go betelela batho ba ba  sa itekanelang mo tlhaloganyong ele merataro,” ga tlhalosa Ntatiwa. Ntatiwa o tlhalositse gape gore, mo melatong ka bontsi badiramolato e nna borre kwa ntle ga wa go dirisa ditlhapa o areng o dirwa thata ke bomme kwa mafelong a dinnotagi.

Ba sepodisi ba tlhagisa batswasetlhabelo ba petelelo go hema go tlhapa morago ga tiragalo, ba re se se ka thusa mo bosuping. Mooki go tswa kwa sepateleng sa Sekgoma, Kabo Modimakwane, le ene o ne a ngongorega ka balwetse ba mofuta oo. A tlhalosa gore morago ga petelelo ba tlhokana le go dira ditlhatlhobo di akaretsa tsa mogare wa HIV, boimana le tse dingwe pele ga molwetse a ka thapa.