Naledi

Marara a kgwa tsina ya ngwao

Maloko a Ntlo ya Dikgosi
 
Maloko a Ntlo ya Dikgosi

Go ya ka mokwaledi mogolo wa Ntlo Ya Dikgosi, Moroka Moreri, letsatsi le le diretswe go ipelela ngwao le ditso tsa Setswana ke marara a lefatshe la Botswana ka e le bone ba eteletseng Batswana go ya ka merafe ya bone ka go farologana ga yone.

A re go tswa bogologolo, dikgosi kgotsa marara a ntse a eteletse ditiro tsotlhe tse di thusang go ruta merafe ka ngwao le ditso tsa yone. A re ke seo ba boneng go le botlhokwa thata gore ba simolodise letsatsi la ngwao la Ntlo Ya Dikgosi.

Ka merafe le dikgaolo tsotlhe tsa Botswana di na le kemedi kwa Ntlong Ya Dikgosi, Moreri a re o ke one moletlo o o kopanyang Batswana botlhe ba ka na le sebaka sa go tla go bona baeteledipele ba bone ba kokoane lefelo le le lengwe fela.  A bua fa thotloetso e ntsi e tla a dirwa thata ke gore Batswana ba tla itumelela go bona dikgosi tsa bone di le mo tirong kgotsa moletlo wa ngwao, mme ba na le sebaka sa go kopana le tsone mo metshamekong ya ngwao ka go farologana.

Letsatsi la ngwao la Ntlo Ya Dikgosi, Moreri, o boletse fa le tla a tshwarwa kgwedi eno ya Phalane e ya fifing monongwaga (31-10-2015), kwa kgaolong ya Ga-Malete kwa lefelong la segosi la Chinash gaufi le motse wa Otse. O tladitsae ka go bolela fa setlhogo sa letsatsi le legolo le se tlhamaletse fela se re tsina ya ngwao.

Le fa meletlo ya ngwao e tlhola e tshwarwa ka go farologana ga yone mo lefatsheng le, o wa Ntlo Ya Dikgosi, Moreri a re o pharologanyo thata, ebile o kgatlhisa ka go tla a dubega jaaka marara a tla a bo a di goga kwa pele mo metshamekong ya ngwao le setso ka go farologana. A tlhalosa fa gareng ga e mengwe go tla a tshamekiwa mhele, diketo, rwabi le go tlola koi ke basadi ba marara jaaka Kgosi Keleatile Moremi wa Batawana.

Moreri o tsweletse a bolela fa dikgosi di tla a ja motwane thata mo dikomeng, go supegetsa Batswana se ba se dirang e le ba Ntlo Ya Dikgosi, mme a re dikoma tse e tla a nna tse di pharologanyo ka di tla a bo di opelwa ka bokgabane ke bagolo ba ba di tlhaloganyang botoka. A re o mema Batswana le batho botlhe fela go tla go ja monate wa ngwao e e tlhololo. Jaaka marara a tla a bo a diragatsa mo go tsotlhe tse eleng ngwao ya Batswana, Moreri o bolela fa ba akareditse baopedi le badiragatsi ba lefatshe la Botswana go tla go oketsa monate wa letsatsi le, ba a reng gareng go ba bangwe go Shumba Ratshega yo o solofelwang a tla a bo akgabile ka tshega ya gagwe, Mafitlhakgosi, Ndingo Jowa.

Baopedi ba ditlhaka le bone ba tla a nna teng go supa bothakga jwa bone le go natefisa letsatsi, baboki le bone ba tla a letsa magalapa go tshameka ka mafoko ka mokgwa o o faphegileng wa Setswana.

Dijo go ya ka Moreri e tla a bo e se tse di tswang mo dipitseng tsa Sekgoa le ditofo tsa teng. Go tla a akolwa dijo tsa Setswana tse di apeilweng ka dipoto le molelo wa dikgong, tsone e le mokoto kwa kgotleng, ditlhako , serobe, seswaa le mefuta ya bogobe jwa mabele.

A re tsotlhe tse di tla a lopa motho bonnye jwa madi a a tshwarang P250, mme a re fa go na le mongwe yo o nang le a a fetang fa, a ikaelela go rotloetsa o ka a ntsha fela ka mowa o montle.