Naledi

O sekela dikgobalo

Se se senogile ka Mosupologo fa Baitudi, wa kgotla ya Nkosho, a ne a  itshupa fa pele ga lekgotla la ditsheko tsa Setswana morago ga go gobatsa Cathrine Garebatho, yo eleng mookimogolo kwa kokelong ya Letlhakane.

Lekgotla le boleletswe fa Baitudi, e rile ka kgwedi ya Ferikgong e tlhola lesome le boraro monongwaga a itaya mongongoregi eleng Garebatho. Bosekise bo ne jwa bitsa basupi ba le bararo ba ba akaretsang Julia Makabe yo eleng mooki, Paul Tshikhinya, yo eleng modisa dikago kwa kokelong le motlhotlhomisi wa kgang eleng Constable  Letshwenyo, mme ba botlhe ba neng ba ntsha bosupi ka botlalo kgatlhanong le mosekisiwa.

Baitudi, yo gape eleng modiri kwa moepong wa Karowe, o ne a supa a shadikanya matlho fa pele ga ga Kgosi Baruntshi Kegapetswe le batho ba ba neng ba tsile go reetsa tsheko. Go ya ka mabaka a tsheko, ga twe ka letsatsi la tiragalo mosekisiwa yo o neng a kgweetsa thekisi ya gagwe, o ne a nna le tlhokakutlwano le mongongoregi mme seo sa tsosa phereetsego e e seng kana ka sepe.

Mafoko a re mongongoregi yo o neng a kgweetsa koloi ya gagwe mo maphakeleng a letsatsi leo, o ne a dira phoso ya go thula thekisi ya mosekisiwa fa kgorong ya kokelo, ya re a sena go baka kotsi eo, a seka a ema go supa fa a dirile phoso. Go bolelwa fa a ne a tsena mo kokelong mme a ya go paka koloi ya gagwe ka mabaka a go tsena mo ofising go simolola tiro ya gagwe ya letsatsi le letsatsi.

Go bolelwa jalo gore ka ntlha ya seo mosekisiwa o ne a tswa mo thekising mme a ikatumetsa mongongoregi kwa koloing ya gagwe ka mabaka a go mmontsha phoso ya gagwe. Ga twe ba ne ba felela ba sa dumalane kgotsa ba sa utlwane ka megopolo mme seo sa tsosa dikomano le pheretlhego ya maikutlo. Go bolelwa fa mooki a ne a supa rathekisi ka monwana fa rathekisi le ene a ne a supa mooki ka monwana e bile a batla gore a baakanye koloi ya gagwe e a e sentseng ka go e thula. Ga twe e ne ya nna tshwarang-tshwarang fa gare ga mooki le rathekisi mo kokelong, bangwe ba ba neng ba le foo ba ne ba tlola ba relela ba re “A e je e siye marapo”. Mafoko a tsheko a tswelela a re mosekisiwa (rathekisi) o ne a tsaya tshwetso ya go tseela mongongoregi (mooki) dilotlolo tsa koloi mme seo sa tsosa dikgogakgogano tse dikgolo.

Ga twe ba ne ba gogagogana ka lobakanyana mme kgabagare mongongoregi a felela a wetse fa fatshe a bo a felela a bonye dikgobalo tse di potlana mo lebogong le mo lengoleng. Ka jalo ntwa eo e ne ya baka gore mosekisiwa a felele a tlhagisitswe, a lebisitswe molato a bo a gogelwa kwa kgotleng go o arabela.

E re dikgang di eme jalo, mosekisiwa ga a ipona molato gotlhelele e bile o tla bitsa mosupi. A re ene ga a ise a ko a betse mongongoregi ka gope a bolela fa ba ne ba gogagoganela selotlele sa koloi mme ka phoso mongongoregi a felela a wele ka ntlha ya gore o ne a rwele ditlhako tsa mmankweekwee, kgotsa

senkgatele-kokwana.

Tsheko e tla tswelela kgwedi eno e le masome a mabedi le borobabobedi fa moiphemedi a tla fiwa sebaka sa go bitsa mosupi wa gagwe, yo a tlhalositseng gore ke mme mongwe yo a neng a mo pegile mo thekising ka letsatsi leo. Constable  Thatayaone Pompi wa sepodisi sa Botswana o tsamaisa tsheko.