Naledi

Tona Makgato o butse lebentlele kwa Malaka

Godimo ga banni ba Malaka gone gole baeng gotswa mo metseng ee gaufi le bangwe balalediwa ba tlotla ba akaretsa mopalamente wa Sefhare-Ramokgonami/Tona ya botsogo Mme Dorcus Makgato.

Moletlo o ne wa simolola bosele ka ntlha ya tiegonyana mo kgorogong ya ga tona.Le fa gontse jalo di lo di ne tsa tsamaya ka thelelo ka le lone lenaneo le ne le se motsopodia.Morago ga pina ya sechaba le thapelo,mothusa-molaodi Rre Keabetswe Lesiela one a bega baeng ba tlotla. Moemedi wa kgosi ya motse Rre Gabaitumele  Otukile ene o ne a amogela baeng.Kgabagare Mme Pinny Morupise mogwebi wa lebentlele leo la R7 General-Dealer & Butchery,  yo ebileng ele molemi-morui yoo itshetletseng kwa Malaka one a ema kokoano eo ka lefoko.O boletse gore gone gose motlhofo go simolola kgwebo ya gagwe mme are o kgonne ka thata ya modimo,dithuso le dikgakololo go bangwe.O kgotlhaditse bagwebi ba ba simololang bogolo jang bomme gore ba nne pelotelele fa ba simolola dikgwebo.

O bile a tlhalosa gore kgwebo nngwe le nngwe ena le dikgwetlho mme e dira pharologanyo mo botshelong ja mogwebi le Batswana ba bangwe.  “Betsho!Kana puso ga e kake ya kgona gore tshetsa le gore direla ditiro fa rona resa iteke.Kgwebo nngwe le nngwe e thapa mong eba e thapa Batswana ba bangwe mme seo se tlokafatse matshelo a rona.”Ga bua e ne Mme Morupisi ka mafoko a pulamadibogo.

Tona Makgato yoo buileng ka boleele go akgola Mme Morupisi ka kgwebo ya gagwe one are “Sengwe se ke se itumelelang ke le tona ya botsogo ke gore kgwebo e e supa gore retswa mo dinameng tse di kgaolelwang kwa tlase ga ditlhare re ja ya mo setsidifatsing ee tlhatlhobilweng,ele phepa.

Botsogo ja Motswana bo tlaa tokafala.”Tona o akgoletse mme Morupisi go fokoletsa banni ba Malaka le Lecheng mosepele wa go ya go reka seshabo,dijo le dithoto tse di kwa Palapye.Tona o ne a lebogela Mme Morupisi fa ele mogwebi yoo wetseng dibete ka ane a dira kgwebo ya gagwe mo Malaka boemong ja goe dira kwa ditoropong kwa mmaraka o tshutshumang.Tona gape one a akgolela Mme Morupisi go tswakanya itsholelo ka ele molemi-morui jaanong a gatlhamela mo mmarakeng wa mabenkele.

Tona are tsholofelo ya gagwe ke gore mogwebi yoo o tlaa reka leruo mme ere mo isagong a reke merogo le maungo go dira  “Achar” le tse dingwe.O boletse fa puso e iketeile sehuba go thusa Batswana ka mananeo aa farologaneng mo dikgwebong tsa bone. Tona o ne a tlhagisa banni ba Malaka gore ba lese moa wa lefufa mme ba eme mogwebi yoo le ba bangwe nokeng. “Batswana ke batho ba ba gogang dinao go rotloetsa Batswana ba bangwe ka bare ke go humisa motho mme ba tsibogela go rotloetsa bagwebi ba eseng Batswana. Fa le rotloetsa mogwebi yo mme kgwebo ya gagwe e gola oya go reka leruo la lona,merogo ya lona,a hira bana ba lona. Fa gongwe abe a rotloetsa le ditlhabololo tsa motse.”

Go utlwala fa mogwebi yoo ele motho yoo tlhaga mo go abeleng banni ba Malaka le Lecheng dithuso. Morago ga molaetsa wa gagwe, Tona o ne aya go bula lebentlele la R7 abe ale tlhodumela go potiela fa lele mo seemong se se eletswang ke puso.Ka menyenyo le metlae ya gagwe, seo sa supa fa tona a itumelela loago leo. Banni ba Malaka le bone ba ne ba itumeletse lebentlele leo le ebileng ba le boka ba re ke “Choppies” ya motse wa bone. Moletlo o ne wa goga go fitlha ka setlhoboloko,go jewa go nowa.