Naledi

�White Collar Boxing� - Mabole A Itshidilo

Ka jalo magareng ga methale e le mentsi e motho a ka itshidilang ka one gona le wa go inaakanya le mabole. Go ya ka ramabole wa pele ebile ele morotloetsi wa mabole mono gae, Bond Ngubula, batho ba ka inaakanya le mabole go itshidila.

Fela, Ngubula o supa gore mothale o ga o a tlwaelesega go le kalo mono gae mme ebile o tlhoka barutuntshi ba ba tlhaloganyang se ba se dirang. Motshameko o kgotsa itshidilo e e bidiwa ‘white collar boxing’.

Ngubula a re ke mothale wa go itshidila o ba tsayakarolo ba dirang dintlha tse boramabole ba di dirang mme ka selekanyo se se kwa tlatse. O tlatsa ka gore go botlhokwa go tlhaloganya gore ba tsaya karolo ga ba itlhokoletse go lwa mo go tlhwaafetseng jaaka boramabole mme ba itshidila mmele fela.Ka jalo ba tsaya karolo ba tshwanetse go fiwa tlhokomelo e kgolo gore ba seka ba ikgobatsa.

O tsweletse ka gore mokgwa wa go itshidila ka go dirisa ditsela tse di dirwang ke boramabole o felela o rotloetsa gore ba ba tsayang karolo ba natefelelwe ke go itshidila. Ngubula o na le thulaganyo ya go nna jalo kwa ntlo lehalahala ya boramabole ba gagwe fa Notwane Club.

E re le fa go ntse jalo, ka mabaka mangwe segolo bogolo mo mafatsheng aa tlhabologileng go kgona go diragala gore ba ba nang le katlhego ya go ka lwa mme go se kalo; ba letlelelwe. Ngubula a re dintwa tseo tsa ba ba inaakantseng le mabole go itshidila di dirisiwa pele ga metshameko ee tlhwaafetseng go kgatlha balatedi.

‘White collar boxing’ gape go supiwa fa e le botlhokwa go ngokela bana-le-seabe ba bangwe jaaka balatedi le barotloetsi. Ngubula a re fa batho ba ntse ba itshidila jalo ba nna le sebaka sa go kgatlhegela mabole mme ba a lebelele fa go na le dintwa tse ditona.O fetsa ntlha ya gagwe ka gore bangwe ba balatedi ba go nna jalo ke ba ba inaakantseng le dikgwebo mme ba felele ba thusa go godisa motshameko wa mabole ka madi. E re dikgang di eme jalo metswedi ya maranyane a segompieno e supa fa ‘white collar boxing’ e ne ya simolola ka dingwaga tsa bo 1980. Mongwe gatwe Bruce Silverglade wa madirelo a itshidilo a Gleason’s Gym kwa toropong ya New York o ne a ete a rulaganyetse bangwe ba ne ba itshidila kwa go ene dintwa tsa seelo sa go nna jalo.

Gatwe mokgwa o wa itshidilo o ne wa tuma wa ba wa anama le go feta ka dingwaga tsa bo 1990 ka fa tlase ga morotloetsi mongwe wa mabole a bidiwa Alan Lacey.Go le gantsi mokgwa o wa itshidilo mmele ka go dirisa mabole o thusa thata go tsenya letseno mo madirelong a mabole segolo bogolo kwa mafatsheng a tshwana le United Kingdom mme o solofetswe go anama lefatshe ka bophara.