Naledi

Balatedi ba lwela Dipitse

Lebala le lesha la kwa Bokone, mo toropongkgolo ya Francistown le setse le amogetse metshameko e le mebedi e megolo go timolola baagi ba kgaolo e lenyora la Dipitse le le ntseng le ba tlhasetse dingwaga di feta masome matlhano.  Motshameko wa ntlha e ne e le fa Dipitse di ne di thulanye le Dimmoulo(Stallions) go tswa Burkina- Fasso mo ntweng ya go ipatlela phatlha mo kgaisanong ya sejana sa Aferika, o Dipitse di neng tsa o fenya ka nno e le nngwe go lefela.

Go goroga ga Dipitse kwa kgaolong, go ne ga dira boitumelo jo bogolo thata, mme ka ebile di ne tsa fenya barati le balatedi ba Francistown le metse e e mabapi ba ne ba sala ka dipelo tse di tshweu tsa lorato ka ba bone setlhopha sa bone ka namana gaufi le bone.

Eseng mo ba ntseng ba di bonna fela mo kgatlhakgobeng ya ditshwantsho tsa motshikhinyego kgotsa ba patelesega go tsaya mesepele e meleele go di latelela kwa Gaborone le Lobatse.

Bagwebi ba kgaolo e, le bone ba ne ba letsa megolokwane le melodi ka go tla ga Dipitse go ne gab a phuthela bareki ka dipalo tse di kwa godimo thata, ba bolela gore le bone fela jaaka bagwebi ba Gaborone le Lobatse ba roba botoka fa Dipitse di tshameka, le bone ba kgonne go oba lebogo mo ba tla a kgonang go tlatsa dimpa tsa ba malwapa a bone.

Fa e kare boitumelo jog a bo a lekana, BFA ya boa gape ya dira gore Dipitse di ikgate motlhala mo boela kwa lebaleng la Francistown, mme fa di ne di ya go ragana le Dikamela tsa kwa Eritria mo motshamekong wa go ipatlela phatlha mo kgaisanong ya sejana sa lefatshe.  Fa le gone barati le balatedi ba boa gape ba tlatsa lebala se rakoobokile, palo e e fetang dikete tse di lesome le botlhano, fa bagwebi le bone ba buile gape ba bona letseno le le botoka ka ntlha ya dipalo tse di ka nna tse.

Le fa go ntse jalo, barati le balatedi ba Dipitse ba Borwa le Bokone, ba itaana ka noga ya Mokwepa e utlwa fa go tsenwa mo kemonokeng ya setlhopha se, fa o leba kwa maanong a ba Borwa go na le mekwalo e e supang fa barati le balatedi ba sa itumelele gotlhelele go isiwa ga Dipitse kwa Bokone. Mekwalo e le ya tshotlo e e nyatsang thata kgaolo e.

Kwa go ba Bokone le gone go kgabola mekwalo fela e e tlhobosang Borwa, mengwe e bolela gore Dipitse ke gone di bonyeng lefelo le le botoka la phenyo morago ga go palelwa dingwaga tse di kana kwa Borwa, e mengwe e bolela fa go sena barati le balatedi ba ba ka na ka ba Bokone go tlatsa mabala kwa Borwa. Mokwalo mongwe gape ke o o reng Dipitse di tshwanetse go fuduga gotlhelele kwa Borwa ka di ntse di bolawa ke lenyoa ka go sena metsi mo Borwa, mme di tle Bokone ka metsi e le thubu tshoo go thuma le go nwa, gammogo le go siela baeng ba tsone jaaka Burkina-Fasso le Eretria.

Mokatisi James Butler le ene a re o ka mpa a bolawa fela, ka a bona fa Bokone e tshwanetse go dirwa lefelo le Dipitse di nnang le go botha mo go lone, ka le tshotse sengwe le sengwe, balatedi, bagwebi, metsi le yone phenyo tota.