Naledi

Ba mabole ba leboga BoBA, Debswana

Se jaanong go lebega se ntse se fetoga boammaaruri ka erile bosheng kompone ya teemane ya Debswana ya oketsa thata madi a e ntseng e rotloetsa mabole ka one, se bagolo ba mabole ba se lebogelang.

Morago ga go rolwa madi a thotloetso ya kabo-dietsele ya lekgotla BoBA ya P200,000.00, Naledi e ne ya taboga le dikampa tsa ditlhopha tsa mabole go utlwa gore maikutlo ke a a ntseng jang, mme ya fitlhela e le gore melodi e le ya boitumelo go gaisa dingwaga tse di ntseng di feta.

Botlhe ba papamala ba bolela fa ba leboga thata komiti e e eteletseng lekgotla la BoBA go bo le tshwere ka natla mo mosepeleng wa lone o o thata go tlhabolola le go godisa motshameko wa mabole.

Kwa kampeng ya Glen Valley, mokatisi Dirang Thipe a re motshameko wa mabole o monate thata, a re gore monate o o tswelele o akolwe ke batshameki le bagolwane ba bone, go tshwanetse go nne le thotloetso e e bonalang.

A re mme gore go nne jalo ke gore komiti ya BoBA e bo e eme ka dinao go ngunanguna le dikompone go kopa thuso ya thotloetso, se a reng o se lebogela moeteledipele Thato Patlakwe le botlhe ba a berakang le bone.

A re go bona kompone ya Debswana e kgona go oketsa thotloetso ya motshameko wa mabole go supa sentle gore dilo ka bontsi di dirwa sentle, ka jalo Debswana e itumelela se fela thata, a re le bone e le bakatisi ba tshwanetse go leboga thata batshameki ba bone ka go itshwara sentle le go dira ka natla mo mosakong ka se se thusitse go ngoka thotloetso e e botoka.

Kwa Francistown le gone, mokatisi wa mabole Winter Nkele a re o itumela thata go bona motshameko wa mabole o tsweletse ka go gola, a re bagolwane ba one ba dira bosigo le motshegare go tlhomamisa gore tsotlhe di tsamaya ka thelelo. Le ene a re o leboga thata ba BoBA ka tema e ba ikaelelang go e sega jaanong e bonala, a re le bone batshameki gammogo le bakatisi ba tla a tiya moko mo tirong ya bone.

Moanamisa mafoko wa BoBA, Kenny Maragana ene o boleletse Naledi fa kompone ya Debswana e setse e na le dingwaga di le mmalwa e thusa BoBA ka thotloetso ya madi go tshegetsa kabo-dietsele, a re mme go bona monongwaga e okeditse thotloetso go menagane jaana go ba itumedisitse le go ba tlotlomatsa.

A re ba motlotlo ka le bone jaaka makgotla a mangwe ba tla a tshegetsa kabo-dietsele e e duleng diatla ebile e ba neela seriti.