Blogs

Ga se go rumolana

Nako nngwe motho a tseye kgamelo a re o ya go ga golo gongwe  kwa a go itseng mme a fitlhele go se na sepe. Mo go tse dingwe go tswedisiwe mme le gone e ntse e se ga sepe.

Ka Motswana a re tsholofelo ga e tlhabise ditlhong, batho ba se ka ba itlhoboga. Ba nna ba lelala legodimo, ba rapela, ba solofetse gore e ka re tsatsi lengwe ya na.

Kae? Seemo sa bifela pele. Lenyora la gola, ditlhogo tsa opa. Batho ba se ka ba itse gore ba ka tshabela kae. Fa malatsi a ntse a feta mme pula e sa bonale, morafe wa nna fatshe wa ipotsa gore go dirwe jang ka lenyora le.

Letsatsi lengwe ga bidiwa phuthego. Kgang ya nna gore, le fa gone pula e ka na, metsi a nna teng, gongwe e ka re mo dingwageng tse di tlang, seemo se sa go tlhoka metsi sa boela gape.

Mme ka mosele wa pula o epiwa go sale gale, a e re mo nakong eno, go baakanyediwe nako ele e e tlang. Megopolo ya tswa ka go farologana.

Fa e ntse e tla, mongwe ya nna gore, ka letamo le le tona la Letloping le tshwara metsi thata, a  le fatiwe, le okediwe. Mogopolo o wa buiwa, wa dumelwa ke ba bantsi.

Fa e kete kgang e tlaa wela, ga ema Ramaretlwa, le ene a dumalana gore letamo le le okediwe.

Fela a fetela fa pejana.  Ene a re, mo godimo ga gore letamo la Letloping le fatiwe, a letamo le, le tshwaraganngwe le le le bapileng nalo la Letlotswana. A tswelela a re, fa matamo a a ka tshwaragana, a ka tshwara metsi go feta jaaka  la Letloping le le nosi.

Fa Ramaretlwa a wetsa, batho ba ema mme ba bua ka go farologana.

Yo mongwe go bueng ga gagwe a re o kgwa Ramaretlwa dikgaba. Ba bangwe bone ba re ba iteela mafoko a ga Ramaetlwa kobo moroko.

Ba nna ba tla. Kwa morago yo mongwe ene a re o emela go latlhela tlhware logonyana. Ya nna phuthego e e monate thata, go tswa megopolo e mentle,  go buiwa Setswana se se loileng. Mogopolo wa go tshwaraganya matamo wa felela o amogetswe ke botlhe. Kgang ya wela, phuthego ya tswalwa.

 Ya wela jalo phuthego ya Letloping. A jaanong re lebelele mafoko ale a go kgwa dikgaba, go iteela kobo moroko, go latlhela tlhware logonyana, a a neng a dirisiwa ke bangwe mo phuthegong ele. Mafoko a a raya eng?

Go kgwa dikgaba ke go fetola kgotsa go araba mafoko a a builweng ke mongwe. Go araba mo e ka nna go amogela kana go gana mafoko a a builweng. Mo sekaing sa rona sa phuthego ya Letloping, mongwe o ne a ka kgwa Ramaretlwa dikgaba a dumalana le mogopolo wa go tshwaraganya matamo kana a ganana le one.

 A re lemoge gore lefoko le, ke go kgwa dikgaba, e seng go kgwa kgaba jaaka bangwe ba a tle ba bue.

Go ntse go ntse jalo, e ka re fa motho mongwe a fetsa go bua, yo mongwe a re o iteela mafoko a motho yoo kobo moroko.

Yo ene o tlaa bo a raya eng? Motho yo o iteelang mafoko kobo moroko ke yo o tlatsang mafoko a a builweng, a a gatelela, ka o dumalana le one. Go iteela ke go thatafatsa. A re re Neo o ne a roka yone kobo tota.

Fa a fetsa, o fitlhela gore golo gongwe ga a roka sentle; tlhale e sa tshwara, e se thata. Neo o boa a roka golo fale gape gore go nne thata.

Ka go dira jaana, ga twe Neo o iteela moroko; ke gore o a o thatafatsa.

Mongwe gape o ka re ene o emela g o latlhela tlhware logonyana. Yo o tlaa bo a raya eng? Le ke lone lefoko le tota re batlang go bua ka lone ka bangwe ba le tlhalosa ka go sele.

Batho bangwe ba a tle ba re go latlhela tlhware logonyana ke go rumolana. Ba re, tlhware ke noga e e bogale thata mo e ka se keng ya latlhelwa logonyana mme ya nna fela.

Ba re gore o e latlhele logonyana, e tlaa gakala, e lwe thata. Gongwe go ka direga jalo ya re fa o ka latlhela yone tlhware tota logonyana, ya go lwantsha.

A mme gore go twe go latlhela tlhware logonyana ke go rumolala gone ke tlhaloso e e leng yone? Ga se yone. Go latlhela tlhware logonyana ke go tlatsa mafoko a a setseng a builwe mme o sa tlatse ka sepe se se kalo.

Ke go bua mafokonyana fela a e leng gore le fa a ne a sa buiwa,  go ne go ka se ka ga senya sepe. Motho o a bo a sa rumolane, o a bo a tlatsa, a dumalana le se se builweng.

motshwanes@yahoo.com.