Blogs

A re go ja eng? (10)

Gore a tsatsi jeno mosepele o o  a wela, kgotsa, o sa ntse o tlaa tswela pele ga re itse. Fela re gatele pele re re, e a re Motswana a ntse a natetsha puo a fete ka go ijesa dijo tsa ditoro mme gape a re go na le go jesa motho dijo tsa ditoro. Fa, motho ga a ijese o a jesiwa. Go supa pharologanyo ya go ijesa le go jesiwa a re boele fa morago fale re re nako ele re ne ra re lengwe la manatetshapuo ke la go ja dijo tsa ditoro mme gape ra re le, le farologana le manatetshapuo a mangwe ka ga le tlhamalale la re motho o ja dijo tsa ditoro.

Go na le go tlhamalala le re motho o a ja, la re motho o ijesa dijo tsa ditoro. Le raya eng? Le raya gore motho o eletsa sengwe se e leng gore tota go thata gore  o ka se bona, kana, a se itirela. Yone nako ele, e le sekai, ra bona basimane ba eme fa tlase ga tsela ya Letloping le Khudiring.

Fa ba ntse ba eme foo, koloi ke eo ya feta. Go e leba Sapelo a bona e le ntle thata mme a e eletsa a ba a bolela fa ngwaga o ka se ka wa fela a ise a e reke. Fa Wapiitse a mmotsa gore o tlaa e reka ka eng, Sapelo a araba ka gore o ya go rekisa dipodi tsa gagwe tsotlhe a reka koloi eo. Gone fa, ka Wapitse a ne a bona Sapelo a se na ape madi a go kgona go reka koloi ele, a mo raya a re o ijesa dijo tsa ditoro. Go bua jaana Wapitse a raya gore sa ga Sapelo ke go eletsa fela, le go dumela gore o ka reka koloi ele mme gone tota a ka se ka a kgona sa gagwe e le go lora fela gore go ka nna jalo. Re re, a e tlaa re motho a sena go di ja dijo tseo tsa ditoro a di kgore, kana, go nne jang, ga re itse. Gongwe go ka itse Wapitse ka Sapelo ke yoo o di ijesitse a na nae.

Jaanong re bua ka go jesiwa dijo tsa ditoro a re ntshe sekai re re ngwagatlola,ka letsatsi lengwe ke lele, Seopana ke yoo a wela tsela a leba ga Tsotsojane e le la ntlha a mo etela. Ka go ne go katogile, ke gore go le kgakala, a tsholetsa dinao a goroga. A tsena koo a fitlhela mang?

A fitlhela jaaka gale a le mmogo matlhape a baratani, ke gore di le mmogo ditsala tse dikgolo Tsotsojane le Pupudu. Ke bao ba tlhola mmogo a le gare ga bone Seopana go jewa, go tloltwa, metsi a masetlhana le one a ntse a le foo go digela dijo le go loisa ditlotlo.

Ka e ne e le la ntlha Seopana a baya lonao koo  a itumela thata go bona ka fa Tsotsojane a ba tshwereng ka teng. Fa go ntse go tsweletse, ke yoo a tlhoma Tsotsojane matlho a re, ‘Hei,Tsotsoje ke ntse ke sa itse gore o motho yo o mamu, yo o botho jaana ka ke ntse ke go bona fela ke go lebela fale. Jaanong gompieno ka ke go atametse ke gone ke bonang gore o motho a ka tshela le batho. Fa ke ne ke na le kgaitsadiake ke ne ke tlaa mo go atametsa gore lo leke botshelo mmogo.

Go utlwa Seopana a bua jalo, Pupudu a leba Tsotsojane a re, ‘Tsotsoje o se utlwe yoo a bua jalo, o go jesa dijo tsa ditoro. E ka re ene a paletswe ke go mo ikatametsa, wena a mo go atametsa jang?’ Go utlwa ao, Seopana a re, ‘E le gore ke ne ke ka ikatametsa kgaitsadiake, e le bofe joo botlhododi?’

A tla gape Pupudu a re,’Nnyaa mma. Ba bantsi ga se yo o mo lwapeng fela. Mo ikatametse pele o tlogele go jesa tsala ya me dijo tsa ditoro.’ A nna a gana Seopana a re a gagwe mafoko ga se dijo tsa ditoro ke boammaarup. A leba Tsotsojane a re, ‘Mma o bolotse mosepele ke ya go go tlela ka motho tota e seng matlhogojane. Ene a le kae Tsotsoje? A le foo sa gagwe ya nna go tsaya ka tsebe fela. Mo pelong a ipolelela gore pina e na le beng a ba tlogele ba e opele ba e bine ba le nosi koo. La tsamaya letsatsi ya tla nako ya gore go kgaoganwe. Pupudu a leba ga gagwe Seopana le ene a boela morago. Go tswa lone tsatsi leo, Tsotsoje jaaka ba mmitsa, o sale a lebile tsela Pupudu le ene a tlhwaile tsebe a solofetse go utlwa mafoko mangwe ka kgang ele. Go fitlhelela la gompieno ga a ise a bone ope Tsotsoje le fa e le go tlhobosediwa sepe.

Fela jalo Pupudu le ene ga a ise a utlwe sepe. Jaanong ka ke foo ga go a dirafala sepe, le fa e le lepe lefoko go tla go latolela Tsotsoje se a neng a se solofeditswe ke gone Motswana a tlaa reng mafoko a a monatenate ale a ga Seopana e ne e le go jesa Tsotsoje dijo tsa ditoro fela.  E le eng

a jesitswe dijo tsa ditoro? E le ka gore Seopana o ne a bua monate e bile go bonala tota a tlaa dira se a neng a se solofetsa Tsotsoje mme ga se ka ga nna jalo. Ke gone Motswana a tlaa reng seo e ne e le ditoro, go lora, go eletsa, fela.