Blogs

A re go ja eng? (11)

Mme go gatela pele re ikgate motlhala re se noga re boele morago re bue ka go ja boroko. E le eng re dira jalo? E le ka gore lenatetshapuo le, le gabedi mme nako ele re ne ra bua fela ka bontlha bongwe jwa lone mme jo bongwe jwa salela morago. Jaanong re tlaa bowa re bue ka go ja boroko gore tema e wele. Ke gore re bue ka sekapuo se ka botlalo gore go felele. Nako ele, re ne ra re go ja boroko ke go robala sentle motho a sa tlhobaediwe, a sa kgorelediwe, ke sepe. Ka ke yoo o ne a lala a sa tlhobaele ke gone e tlaa reng ka moso a tsoga a bo a itumetse mme a re o ne a bo ja, o letse a bo jele monate boroko, a bo goga. A bua jaana mongwe a bo a nne a tshegatshege. Go bonale tota gore o bo jele.

Yone nako ele, re ne ra ntsha sekai ra re e ne e rile maabane, le ka phirimane, ga tla pula e e maswe ka dikgadima le tladi e e bogale thata. Ra tswelela ra re ka Osesane o tshaba logadima le tladi, go bona pula e tla e ntse jalo a tshoga thata a ipotsa gore a ruri o tlaa lala a bo bonye. Ke gore a o tlaa lala a robetse sentle. Ke yoo ra bona a ya go robala a ntse a tshogile a belaela gore ga a ke a bo bone gope. Mme ga nna jang? Bosigogare pula ele ya feta. Dikgadima le tladi ele le tsone tsa feta. Gone foo, ga nna jang? Jwa mo wela Osesane boroko a lala a bo jele. Ka moso, ka Thitelwana a itse mogolowe a tshaba pula e e dikgadima thata a tsogela kwa go ene go ya go mo lekola. A fitlhela a letse jang? Ga se ka ga nna ape a botsogo jo bo maswe. Osesane a bolelela Thitelwana gore pula ya feta, jwa mo wela boroko, a bo robala, a bo ja monate. Yone nako ele, ra re, ya re go mo leba Thitelwana a bona fa tota mogolowe a letse a bo robetse, a bo jele monate. A bue jalo Motswana fa a letse a robetse sentle a re o jele boroko. Go tshwane le fa a ya go robala mme a bona gore o tlaa lala a letse sentle, a re o ya go bo ja, o ya go bo goga. Go nne jalo e re a tsoga a re o letse a bo jele, a bo gogile. Gone fa re re, jaaka re setse re bonye, sekai se ka Osesane ke bontlha bongwe jwa tlhaloso ya go ja boroko. Gongwe o botse gore mme e nngwe tlhaloso ke efe?

Karabo e re, e a re Motswana a tlhobosa motho, a mmona a le setshwakga thata, a re yoo ga se motho wa sepe sa gagwe ke go tlhola a a ja boroko, maroko, fela. A raya eng? A raya gore motho yoo, ga a ke a tlhagafalela go dira sepe sa go lekela botshelo kgotsa go itshetsa. Yo mongwe le fa e le tiro fela e e seng ya sepe, e mo palele mme Motswana a nne a re yoo, o natefelelwa ke go nna fela a a ja boroko, maroko; ke gore, go nna fela a sa dire sepe. Fa e le ngwana a ntse jalo, go twe ga se motho wa sepe o  tsoga a a ja sengwe ke seo sa balekane ba gagwe. Go se ke go nne monate mo go ene.

Gone fa, e le sekai, a re re ka e nele kwa Mmadithotse o lemile Seopana dijwalo di setse di godile mme mhero le one ke oo, o tla o di setse morago. Jaanong ke yoo o a tswa o ya go tlhagola. Fa a tswa ka kgoro o raya Mpilwana a re, ‘Ngwanyana, ga ke batle mabele a me a jewa ke mhero jaanong nna ke nna ke yang go ja mhero ka mogoma.’  A tswelela a re, ‘Ka gongwe ga o ntlhaloganye ke raya gore ke ya kwa tshimong ke ya go tlhagola. O kile wa nthaya wa re ga o nonyane ga o fofe. Mme le nna ga ke kgomo ga ke je bojang. Fa ke tswa kwa, ke fitlhele o apeile dijo di siame, o mpeetse.’ A araba ka gore o a utlwa ngwanyana o tlaa dira jalo. A bonwa e mang a dira? Fa mmaagwe a tswa, a tsaya phate a rapama fa tlase ga ntlo. Bo ka gana boroko? Gone foo, jwa mo wela a re thule. Kwa tshimong kwa, a leka Seopana a digela tema tse pedi. Go utlwa le gorogile letsapa, a tlogela a boela kwa lwapeng go ya go itheetsa le go tshwara legaba. Fa a tsena ka kgoro Mpilwana ke yoo o robetse. A kgalema a re, ‘Ngwana ke wena, fa o a bo o phethekga jaana dijo di kae?’ Ngwana a re, ‘O tlaa intshwarela mma. Fa o tswa fa, ka utlwa tlhogo e tanyatanya ka bo ke rapama. La nkwela letsapa ga pala gore ke tsoge ke apeye.’ A tla mmaagwe a re, ‘E le letsapa la eng?  O kile wa dira eng sa go lapisa?’  Mpilwana a re, ‘Nnyaa mma ke utlwile ke lapile fela.’ Mmaagwe a re, ’Fa, o tlaa tswa. Ga go nne ditshwakga, motho sa gagwe e le go tlhola a a ja boroko, maroko, a phethekga fela.’ Gore a ruri o ntse jalo Mpilwana ga re itse go itse bone koo.