Naledi

Beeletsang ka thuto � Goya

Bomme kwa Palapye PIC: Moroka Moreri
 
Bomme kwa Palapye PIC: Moroka Moreri

Bomme ba setse ba akarediwa le mo ditirong tse go neng go lejwa pele e le tsa borre, jaaka go kgweetsa dikoloi tsa megobagoba tsa meepo le go thapiwa e le masole.

Go kgothatsa seemo se, Mothusa Tona wa Lephata Thuto le Tlhabololo Dikitso e bile ele Mopalamente wa Palapye, Moiseraele Goya, bosheng o biditse bomme ka maikaelelo a go ba rotloetsa go nna le seabe mo go ruteng bana ka mashetla.

O ba tlhaloseditse go re jaaka ditswammung tsa lefatshe leno di gomagomediwa ke go fela, tlhabololo e a bonang e ka isa lefatshe leno pele ke ya thuto. Goya a re lefatshe leno ga le ka ke la ikgatholosa seabe sa bomme mo baneng fa go buiwa ka thuto.  O supile gore bomme ba botlhokwa thata mo kagong ya thuto ya ngwana ka ke bone ba kopanang lantlha le ngwana mo sebopelong, ke bone ba ntlha go mo ruta puo, ka jalo ke bone ba ka di rwalang kwa tlhogong go kgothatsa bana go tsaya thuto ka tlhwaafalo.

Mothusa Tona o kgothaditse bomme go dira gore malwapa a tlale dibuka tse dintsi gore bana ba kgatlhegele go di bala. O tsweletse a ba kgothatsa gore le fa ba aba dimpho mo gae, ba leke go fa bana dimpho tsa dibuka gore ba rate thuto, le gore ba tseye dikgang le bana, ba gatelele thata mo dikgannyeng tse di buang ka mosola wa thuto.

Goya o ne a re le mororo a gatelela thotloetso ya thuto, o kopa batsadi gore ba seka ba kgobotletsa bana ba ba sa kgoneng, kana ba solofela magodimo mo go bone ka go bo ba tsena sekole.

O ne a rotloetsa batsadi go kgothatsa bana go ya ka bokgoni jwa bone le gore ba seka ba itsapa, le fa ngwana a sa supe phetogo epe mo thutong.

Goya o file sekai ka lefatshe la Singapore go re lone le ikemiseditse go tlhabolola thuto ya banni ba lone, le bo le e ntsha jaaka thuto ya phadisanyo le kgwebo. O boletse fa nako e tlile gore lefatshe leno le lone le beeletse ka thuto le tlhabololo dikitso tsa bana ba lone.

Mothusa-tona o tlhalositse gape gore le mororo mafatshe a mangwe a gatetse pele, Botswana le e ne ga a kgakala, ka a dirile sekole sa boranyane sa BIUST gammogo le sa bongaka. O supile fa ba Seychelles ba setse ba eletsa go romela tshaba ya bone go tla go ithutela borutabana mono.

E rile ba a kgwa Mothusa tona dikgaba, bontsi jwa batsadi ba supa fa a tlile ka nako e e siameng ka jaana bangwe batsadi ba ne ba setse ekete ba kgobega marapo go bua ka thuto. Ba supile go re ekete bana ba basimane mo kgaolong ke bone ba ba kwa tlase mo thutong, e bile ba inaakantse le go tshaba sekole fa ba tshwantshanngwa le ba basetsana. Le mororo basimane ba le kwa tlase, go supilwe fa bana ba basetsana ba tshabelelwa ke kgokgontsho ya borre ba ba, ba dirang bakapelo le ba dira lekwalo la bosupa tota, ka ba gola ka pela.

E ntse ele gone kwa pitsong e, batsadi ba supile gape fa ba sa jeswe diwelang ke melawana ya sekole e e reng fa ngwana a ntse malatsi a le masome a mararo a sa tsene sekole, a kobiwa. Ba kopile gore molao o o sekasekwe, gore fa ngwana a ipopile sesha, go bonwe gore a boele sekoleng.

Goya o ne a itlhophela go bitsa bomme fela, a ba ema ka lefoko kwa kgotleng ya Palapye mme ba e tshologetse ka dipalo tse dintsi. Magosi a motse a akaretsa Kgosi Masego Olebile, Michael Maforaga, Setlhong Mabedi, ka maemo a bone ka go latelana, ba ne ba tseneletse pitso e. Mothusa Molaodi Veronica Rabakane, gammogo le mohumagadi wa ga Rre Goya, le bone bane ba etleetsa pitso e.  Ya re gore a ba leboge, Mothusa Tona Goya a abela bomme dijale le ditukwi tse bontsi bo neng jwa di itumelela, ebile di ba fa tebego e e faphegileng mo kgotleng.