Naledi

Bong ga bo laole katlego � Dow

Dow
 
Dow

Ngaka Unity Dow yo eleng Tona wa Lephata la Thuto le Tlhabolo Dikitso, o tlhalositse jaana mo potsolotsong e e faphegile le Naledi bosheng. A re go mo pontsheng go re malatsi ano, bomme le borre ba inaakantse le mebereko ee farologanyeng gona le pele. Are borre e ne ele bone ba neng ba bereka, fa bomme bone ba setse kwa gae go tlhokomela bana. Dow, yo gape a kileng a nna moatlhodi wa kgotlakgolo ya ditsheko, a re malatsi ano go thata ka jaanong bomme ba dira ditiro tse tsotlhe.

“Re ka kgona go tokafatsa seemo se fela fa re ka simolola go godisa ngwana wa mosetsana le wa mosimane sentle go tswa kwa lwapeng,” Dow a rialo, a bolela fa bomme fa santse ba tshwaragane le namane e tona ya go godisa bana ba le nosi kwa malwapeng.

O tsweletse ka gore bontsi jwa sebaka se se diragala ntle le rre yo gongwe ene a tsweletseng ka go gatela pele mo go tsa matshelo.  Dow, yo eleng

mongwe wa bomme ba lefatshe leno le ipelang ka ene, o tlatsa ka gore, le fa borre bangwe ba na le seabe mo go godiseng bana mo malwapeng, dipalo tsa bone ga di kalo jaaka tsa bomme.

Dow a re bontsi jwa sebaka borre ba bonala fela fa ba tshwanetse gore ba je pele, kana ba sutelwe mo ditilong kwa dintshong le manyalong.

O tsweletse a re ngwana wa mosetsana o gola a itse gore tlotlo ke fela fa a e fa ngwana wa mosimane ka go mo neela setilo kana motho ope fela wa rre mo setshabeng ebile fa gongwe ele yoo senang mosola. A re fa go ntse jalo, ngwana wa mosetsana o nna le tumelo ya gore tlotlo e tshwanetse motho wa rre fela ene ga e a mo tshwanela.

Fela, Dow a re fa go tsena kwa dikolong, bontsi jwa batho ba ba eteletseng pele ke bomme. A re ebile ka nako ya gore bana ba bitse batsadi go tla go lekodisiwa ka tiro ya sekolo, gantsi go tla bomme gona le borre. A re le kwa dikokelong bana ba tlisiwa thata ke bomme.

Fa a tshwaela ka ya boeteledipele, Dow o supile fa seemo sa bomme mo maemong a boeteledipele se santse sele fa gare mo pusong le mo mohameng oo ikemetseng ka nosi. A re bontsi jwa sebaka fa go na le phatlha ya boeteledipele go lejwa rre pele ga ga mme, Are mme ene o sekasekelwa fela fa go sena go tlhokwa rre.

Mo go tse di amanang le polotiki, Tona Dow o supile fa bomme ba le maoto a tshupa fa gongwe ele ntlha ya letlhoko la madi. A re bomme gantsi ba bona go sa fe tlhaloganyo go tsaya madi a bana a

itshetso, go ipapaletsa ditlhopho.Fela, o supile fa seemo sa bomme le boeteledipele se tla tokafala fa nako e ntse e tsamaya.