Naledi

O atlholetswe go fitlhelwa ka motokwane

Motokwane Pic - Edward Pekenene
 
Motokwane Pic - Edward Pekenene

Ka fa mabaka a tsheko a  begilweng ka teng fa pele ga ga Kgosi Tikologo Supang, mosekisiwa o ne a welwa ke seru sa go fitlhelwa ka setlhatshana se go neng go belaesega fa e ne e le motokwane, kgwedi ya Motsheganong e tlhola masome a le mabedi le borobabongwe monongwaga.

Bosekise, boeteletswe pele ke  Constable Tlhaga Tlhaga wa sepodisi sa Botswana go tswa kampeng ya Letlhakane, bo tlhalositse jalo gore ka letsatsi la tiragalo e, mosekisiwa o ne a emisiwa a bo a phuruphutshwa ke mapodisi kwa kgorong ya matlhatlhobelo matlhoko a leruo ya Daewoo.

Gatwe fa a ntse a phuruphutshwa jalo, go ne ga fitlhelwa mephuthelwana e le meraro ya setlhatshana se go neng go belaesega fa e ne e le motokwane.

Ka jalo ga twe setlhatshana seo se ne sa romelwa kwa  baitseanapeng  ba sepodisi kwa Gaborone go tlhomamisa sentle gore a ruri ke motokwane kgotsa nnyaa? Mafoko a lekgotla a re maduo a ditlhotlhomiso a neng a supa fa ele motokwane wa bokete jwa dikereme di le supa (7.0 grams). Ka ntlha ya seo, mosekisiwa o ne a felela a tlhagisitswe, a bo a lebisiwa molato wa go fitlhelwa ka motokwane a sena teseletso ya one. Ba bosekisi ba ne ba ntsha mokwalo wa baitseanape ba tlhatlhobo ya motokwane, gammogo le one motokwane oo e le bosupi, o le mo mephuthalwaneng e mararo.

Mosekisiwa o ne a ipona molato ka bofefo mme a kopa Kgosi  Supang  go mo sekasekela katlholo ka gore ke rre wa lelwapa yo e bile a santseng a kgaratlha thata le go otla bana ba gagwe ba ba tsenang dikole.

O ne a kopa boutlwelobotlhoko jwa lekgotla gore le seka la mo isa kgolegelong gonne ba lelwapa la gagwe ba ka sala ba sotlega, a tlatsa ka gore ke gone a bonyeng tiro bosheng e le yone e ka tlogang ya senyega.

Ya re pele ga a ntsha katlholo, Kgosi Supang a bolelela mosekisiwa gore molato o a o dirileng, katlholo ya one e ka nna go lefisiwa sekete sa dipula (P1000.00) kgotsa dingwaga tse di sa feteng botlhano mo kgolegelong. O ne a kgalemela mosekisiwa thata gore a ikatoganye le tsoi ka o sena mosola e bile o tlhakatlhakanya matshelo a ba ba batlang go o dirisa. A re o utlwile sentle mabaka otlhe a ipobolo, ebile o lemogile le botho jo bontle jwa mosekisiwa fa a ne a le mo tshekong ka e bile e le santlha a dira molato.

O ne a mo atlholela P240 go duelwa mo malatsing a le lesome le botlhano eseng jalo o tlaa ya kgolegelong lobaka lwa dikgwedi tse nne. O bile a mo gakolola go ikuela fa e le gore ga a itumelele katlholo.

Motokwane oo o ne wa gapiwa mme wa neelwa puso gore e o senye ka fa molaong.