Naledi

Rapharing o falotse kgolegelo

Rapharing o lebisitswe molato o le mongwe wa go utswa dijo tsa madi a a kanang ka P133.45 kwa marekisetsong a Spar a Letlhakane. Go ya ka mabaka a tsheko a a neng a alwa ke mosekisi e leng Constable Tlhaga Tlhaga wa sepodisi sa Botswana, mosekisiwa o ikgogetse megogoduma mo kgweding eno e tlhola lesome monongwaga.

Rapharing yo a neng a le bonolo jwa kwana kwa tshekong, ka Mosupologo wa beke eno, ga aka a isa kgotla kwa le kwa, mme a ipona molato ka bofefo a bolela fa  a utswile dijonyana tseo.

Mekwalo ya ba bosekisi e tswelela jalo e tlhalosa gore mosekisiwa o ne a tsena fela jaaka moreki mongwe le mongwe kwa marekisetsong a Spar mme a tsaya mmanki a tsamaya tsamaya ka iketlo mo lebenkeleng. Mme kgabagare a olela dijo mo go one tsa madi a a kana ka P133.45. Gatwe morago ga go olela dijo tseo mo mmanking oo, mosekisiwa o ne a ipaa moriti o tsididi ka bomo mme a felela a dule a sa duela go supa gore seo e ne e le maano a boferefere a go utswa dijonyana tseo. Gatwe e ne ya re fa mosekisiwa a ntse a ngobota a lebile kwa lelwapeng la gagwe, a tshwarwa gaufi le marekisetso a a tumileng a ‘We We Trading’. O ne a isiwa kwa mapodising ba ba neng ba mmotsolotsa, ba mo tlhagisa, mme ba mo lebisa molato wa bogodu kgatlhanong le ditemana 261 le 264 tsa phenalekhouti mo melaong ya Botswana.

Ba bosekisi ba ne ba supa dijo tseo fa pele ga lekgotla e le bontlhabongwe jwa bosupi kgatlhanong le mosekisiwa. Dijo tse di utswilweng tseo di ne di akaretsa nama ya boerwors kana go katwe boroso, nama ya kgomo, mashi, seno se se sukiri sa OROS, sephatlo sa lephutshe, merogo le borotho.

Mosekisiwa, yo e leng modiri kwa SunVick  kwa moepong wa Orapa ga a ka a ganana le bosupi joo. O ne a dumela gore ke tsone dijo tse a neng a di utswa ka letsatsi la tiragalo. Pele ga Kgosi Tikologo Supang a ntsha katlholo, mosekisiwa o ne a fiwa sebaka sa go ipobola, mme a kopa lekgotla gore le mo sekasekele mme le seka lwa mo isa kgologelong ka a tlhokomela ngwana wa gagwe wa dingwaga tse di lesome gammogo le mmaagwe yo a setseng a tsofetse e bile a le dingwaga di masome a supa le botlhano (75).

Kgosi Supang o ne a re makgotla a ditsheko a tshwenngwa ke batho ba e reng ba bereka fela sentle, ba bo ba nna le mowa wa bogodu. Kgosi o ne a atlholela mosekisiwa dikgwedi tse tharo mo kgolegelong mme tsotlhe tsa seegelwa kwa thoko lobaka lwa ngwaga a sa dire molato wa go tshwana le oo. O bile a mo gakolola tshwanelo ya gagwe ya go ikuela mo malatsing a le masome mararo fa a sa itumelele katlholo. Dijo tsa bogodu di ne tsa busetswa beng e leng marekisetso a Letlhakane Spar.

Kgosi Supang o kgalemetse mosekisiwa a menne phatla gore a katogane le mowa wa bogotswana ka seo se ka dira gore botshelo jwa gagwe bo khurumediwe ke mouwane. Mosekisiwa e ne e le santlha a dira molato.