Naledi

Banana ba gopola bagaka ba ntwa

Mo potsolotsong le Naledi bosheng, Modulasetilo, Tony Sebabi, o tlhalositse gore maikemisetso a bone ke go ipelela seabe se bagaka ba pele ba lefatshe ba se dirileng, jaaka ba ne ba lwa kwa ntweng ya lefatshe ya dingwaqa tsa bo 1945.

Setlhopha se se bidiwa fela gotwe Our Heroes Society mme se simolodisitswe ka ngwaga wa 2013. Sebabi a re, ba ikaelela gape go naya bone bagaka bao seriti ka jaana go lemosega fa tota ba dirile tiro e tona ebile ba tshwanelwa ke go fiwa tlotla e e ba tshwanelang.

“Go lebega bagaka ba ba rona jaanong e kare ba latlheletswe ntswa ba dirile tiro e e bosisi.

Mokgatlho o wa rona wa Our Heroes, o remeletse mo go busetseng seriti sa bone se ba se dirileng mme se fetotse matshelo a batho ba bantsi ba lefatshe ka bophara,” ga bua Sebabi. Are go lebega e kare jaanong bagaka ba ekare ba lebetswe mo ebile bangwe ba bone ba tshelang matshelo a a kwa tlase a a lebegang jaaka a tshotlego kana a lehuma.

A re keletso ke gore go nne le letsatsi le le seegetsweng fa thoko le ka lone go tla bong go ketekwa bobelokgale jwa bagaka ba.

“Mafatshe a tshwana le a Aferika Borwa le Zimbabwe, ba na le letsatsi la ba le seegetseng fa thoko mme bale bitsa ba re Heroes Day. A re le mono Botswana go tshwanetse ga nna selomodiro.

Sebabi a re mo Gantsi gona le bagaka jaaka Kgosi Silent Setima yo bontsi bo itseng fa a ne a le Kgosi ya Ghanzi.  A re Kgosi Setima o busitse tshaba eno ka lorato ebile o kile a nna mokhanselara.

Sebabi a re e tlaare mo nakong e e sa fediseng pelo ba tsamaye le dikolo tsa kgaolo ele go ruta bana ka bagaka ba, a re ka jaana e le bontlhabongwe jwa dithuto tsa bone segolobogolo ka ditso gammogo le go tsamaya le lefatshe lotlhe go batlisisa ka fa bagaka ba ba tshelang ka teng.

Our Heroes mo nakong eno e mo letsholong la go batla madi a go godisa mokgatlho mme ebile bare ba batla go ikopela madi kwa lephateng la Banana, Metshameko le Ngwao le go ikopele mo dikhamphaneng dipe fela.