Naledi

Wire o tla Notwane matshediso

Mokatisi Kaelo
 
Mokatisi Kaelo

Erile setlhopha sa Notwane se fologa mo liking e kgolwane ya be MOBILE ngwaga e e fetileng, bangwe ba bolela gore e tla a feta e letsa moretlwa go utlwala mo ditlhopheng tse e di fitlhelang mo liking e e kwa tlase ya Debswana, mme e boele gape kwa e neng e tswa teng.

Mafoko a, a ganediwa ke bangwe gape ka bone ba ne ba bolela gore Notwane e tshwanetse go itse fa e ya go kopana le lerwa le fuduga mo liking e, ka ba dumela fa e le thata go gaisa e kgolwane ya be MOBILE.

Ba ne ba re fa e le gore Notwane e folositswe ke go sa direng sentle mo liking ya be MOBILE, go botlhokwa thata gore e itse le go tlhaloganya sentle gore liki ya ntlha ya setshaba, e e rotloediwang ke kompone ya teemane ya Debswana e thata ka gore ditlhopha tse di lwang mo go yone di lwela go batla go tlhatlogela kwa Notwane e tswang teng.

Ka go rialo go sena jaaka e ka nnang bonolo jaaka bangwe gammogo le Notwane ba akanya.

Mafoko a ba ba neng ba re Notwane e ya go kopana le lerwa le fuduga, a batla a nna boammaaruri ka erile fela Notwane e goroga ya amogelwa le go kolobediwa semmuso ka phenyo fela mo motshamekong wa bone wa ntlha mo liking e ntsha. Ga nna ga tswelela jalo ka go sulafalela pele jaaka ditlhopha tsotlhe tse Notwane e neng e kopana le tsone di e amogela ka thupa e e botlhoko go tlhobosa le gone gore Notwane e tswa kwa liking e tona ya lefatshe la Botswana.

Fa barati le balatedi ba ditlhopha tse ba tlolaka ka boitumelo jwa go fenya mokaloba o, barati le balatedi ba Notwane bone ba setse ba itlhoboga ka bokamoso jwa setlhopha sa bone, ga bonala fa e le ruri Modimo o seke o latlha ope, mme mokatisi yo o maitemogelo Kaelo Wire Kaelo a goroga mo setlhopheng se.  Fela jaaka go ne go solofetswe mo go Kaelo, ga utlwala melodi le megolokwane kwa kampeng ya Notwane ka erile fela go goroga, Kaelo a neela Notwane phenyo ya bone ya ntlha.

Go goroga gaga Kaelo ga dira gore ditatlhegelo tsotlhe tsa Notwane, di lebalesege, mme Notwane e simolole go itse ka diphenyo, mo barati le balatedi ba yone ba simolotseng go bua ka go dira bontle ga setlhopha sa bone.

Le fa setlhopha se se simolotse go bona tsela ya nnete, eleng diphenyo, mokatisi Kaelo a re go santse go le moso thata ka a santse a ithuta setlhopha gammogo le batshameki go ka tswa ka lenaane le le ka tswang diphenyo di le dintsi.