Naledi

Basadi ba goroga ka Oodi United

Setlhopha se se bidiwa Oodi United, mme sena le batshameki ba le mmalwa ba ba kileng ba tshameka thata mo ditlhopheng tsa liki e ya basadi tsa toropokgolo Gaborone, eleng seo motshameki wa pele wa setlhopha sa Real Touch, Mmapula Sekolo, a reng ba na le tsholofelo ya gore ba tla a dira sentle mo metshamekong ya liki.

Sekolo a re gone le fa setlhopha se se le sesha, ga go reye gore jaanong ke sone se yang go thusa ditlhopha tse dingwe ka dintlha le dinno tse dintsi.

A re ba tlhamile setlhopha se sa bone ka maikaelelo a go thusa basetsana ba metse ya Oodi, Matebele, Mokatse, Modipane le Dikwididi go tshameka motshameko wa kgwele ya dinao. O ne a bolelela Naledi gore tota go na le batshameki ba le bantsi thata ba basetsana ba ba tshamekileng kgwele ya dinao mo dikoleng, mme e re ba fetsa sekole ba tlhoke kwa ba tshamekang teng ka ntlha ya bokgakala jwa ditlhopha tse di kwa Gaborone.

 A re le bone ba ba neng ba kgona go ya Gaborone go tshamekela ditlhopha tse teng, ba ne ba felela mo sebakeng ka ntlha ya letlhoko la madi a sepalamo letsatsi le letsatsi.

Ka a kile a tshameka mo setlhopheng sa Gaborone, Sekolo a re le ene o ne a felela a patelesega go tlogela ka go ne go le kgakala, mme a sa kgone go goroga bosigo kwa lwapeng fa a tswa ikatisong ka malatsi a beke.

O ne a tswelela a bolela gore tota ba ikutlwa ba le motlotlo go bona le bone ba kgonne go kwadisa setlhopha sa basadi se a reng se arabile matshwenyego otlhe a bone, a rotloetsa basetsana botlhe ba ba nang le lorato la go tshameka kgwele ya dinao go ikgolaganya le bone.

Le fa a nankotse metse mengwe, Sekolo a re setlhopha se ga se tlhaole gore motho o tla a tswa kae, ka ba itse sentle fa gona le bangwe ba ba ka kgatlhegelang go tshameka mo go bone le ntswa ba tswa kwa dikgaolong di sele.

A re a ba tle fela ba phuthologile go tla go ikwadisa le setlhopha se gore ba thusane go se godisa, a tlatsa ka gore ka e le setlhopha se sesha o kopa thata bagwebi le mongwe le mongwe fela go ba tlhaga thuso ya madi gore maiteko a bone a seka a tloga a lelelwa ke dipoo.

Mabapi le tshameko ya setlhopha, Sekolo a re ba bona se simolotse sentle, ka ba ise ba latlhgelwe ke motshameko ka dinno tse di ntsi tse di ka ba tlhobosang, a re ba solofela fa e tla a re malatsinyana ba bo ba letsa moretlwa go utlwala mo ditlhopheng dingwe.