Naledi

Bolibolo e ngoka tatedi

 

Babogedi ba, ba ne ba tshologetse metshameko ya makgaolakgang a ditlhopha tsa volleyball tsa banna le basadi tse di neng di lwela dijana le madi a a tshwarang P20,000 setlhopha sengwe le sengwe go tswa mo komponeng ya dikoloi ya Capital Motors, e e leng yone barotloetsi bagolo ba kgaisanyo e.

Fela jaaka kwa motshamekong o o kileng wa bo o ratega thata wa kgwele ya dinao, ka letsatsi leo kwa makgaolakgannyeng a Capital Motors, go ne go itumedisa go bona manno a babogedi, ba tota eleng barati le balatedi ba motshameko wa volleyball a tletse ebile a penologa.

Palo e e ne e satla go tlatsa lebala fela, kgotsa go tsamaisa nako, mme tota ka boammaaruri go utlwala leshalaba go supa kemonokeng ya babogedi mo ditlhopheng ka go farologana ga tsone.

Makgaolakgang a ba Capital Motors a ne a tsenwe ke ditlhopha di le nne, mo metshamekong e le mebedi, eleng wa basadi le banna, tsone e le setlhopha se se tumileng ka bothata le go tlhorontsha tse dingwe sa Kutlwano(basadi) le se sengwe gape se se itsegeng ka bothata sa Mafolofolo(basadi). Fa go tsa banna go ne go mekamekane mokaloba wa volleyball Kutlwano le sa Police VI, se le sone se gorogileng fa morago ga go dira sentle thata mo metshamekong e e fetileng.

Ditlhopha tse tsa Kutlwano tsotlhe tsa banna le basadi, gammogo le Mafolofolo go lebega di setse di dirile go utlwala mo lefatsheng la Botswana, mo jaanong di setseng di kgona go ngoka tatedi e e itumedisang gongwe le gongwe fa di tshamekang teng. Eleng seo go ka se hakgamatseng ope ga a bona kgotsa a utlwa fa lebala le ne le tletse thata ka babogedi, mme se jaanong se bonala e le sone se barotloetsi ba ka se itumelelang ka ba itse fa le bone ba tla a bona ipapatso e e botoka.

Metshameko le yone ya ditlhopha ka go farologana e ne ya seka ya swabisa babogedi, ka e ne e le thata ya lentswe, bogolo jang mo ditlhopheng tsa basadi. 

Kutlwano le Mafolofolo tse di neng tsa supa gore ke diselammapa tsa boammaaruri. Tshameko e ntle e ya dira gore barati le balatedi ba tlolake ka boitumelo fa ditlhopha tsone di ntse di itaana ka noga ya mokwepa e lebile.

Fela, kwa bofelong Mafolofolo ya fenya ka dintlha tse tharo go e le nngwe ya Kutlwano  go isa kopi le P25,000 kwa ntlong.

Kwa fa letlhakoreng la banna, le gone ga bo go gagamaditswe dithapo, jaaka Police VI e ne e lwa ka gotlhe mo e nang le gone go leka go thibela Kutlwano.  O le one ya nna motshameko o o thata. Fela,  Kutlwano jaaka bontsi bo ne bo solofetse ya phamola bosimega mo mapodiseng ka dintlha tse tharo go e le nngwe go leba gae ka kopi le P35, 000