Blogs

Magoletsa ke eng?

Ka nako eno ke ya go lema, mme pula yone ke e ga e bonale, re ka tsaya gore merapelo e e neng e tshwerwe ele, e ne e le ya go rapelela pula. Nnyaa, ga go a nna jalo. Pula ga e ne, mme ga se yone fela e tlhokisang Batswana boroko. Di dintsi tse di sa robatseng batho. Sengwe sa dilo tse ke borukutlhi bo re bo bonang bo tletse lefatshe.

Go bolelwa fa kwa Letlhakane borukutlhi bo le bontsi thata e bile bo dirwa ka ditsela tse dintsi tse di farologanyeng. Go ya ka pego, borukutlhi bongwe koo ke jwa dititeo, bongwe jwa go betelela (go thubetsa) bo bongwe jwa dipolao. E mengwe melato ga twe e a dirwa mme kwa morago batho bangwe ba rekwe ka madi go e nna ka marago. Re itse fa dilo tsa go nna jaana, di sa direge kwa Letlhakne fela, di direga ka lefatshe lotlhe.

Pego e supa gore e rile go bona tota seemo se befile, ramapodisi le lekgotla la dikereke kwa Letlhakane, ba rulaganyetsa morafe go tshwara merapelo kgatlhanong le borukutlhi kwa kgotleng. Mogopolo e ne e le gore, fa go ka rapelwa, ga kopiwa Morena go thusa, gongwe seemo se ka fetoga, ga itibala. Ga twe ramapodisi o ne a re, thapelo e na le maatla, ka jalo, merapelo e e ka dira pharologanyo. Go bolelwa fa go ne ga ntshiwa dipalo tsa borukutlhi bo bo diragetseng ngwaga ono, mme ga bonala fa tota seemo e le se se maswe.

Go ntse jalo. E a re fa dilo di le thata, go gopolwe Modimo go feta ka nako tsotlhe. Godimo ga moo, Motswana a re, selo se sa ikobeng ga se na mosola. O a bo a raya gore, motho yo o sa eleng mekgwa ya gagwe tlhoko, ga se motho wa sepe. Mme ka motho o tshwanetse go ne a itebaleba gore o tsamaya ditsela tse di ntseng jang, go ne go solofelwa gore, gongwe ka go utlwa merapelo ele ya kgotla, bangwe ba ka koloba dipelo, ba tlogela mekgwa ya borukutlhi.

Dilo ga di ke di tshwana, e bile ga di ke di lekana. Le fa go twe kwa Letlhakane borukutlhi bo tletse motse, go bolelwa go na le mafelo mangwe a e leng gone tota kwa bo thibeletseng teng. A mme e ka re go itsiwe mafelo a e leng one borukutlhi bo agileng mo go one, ga tlogelwa fela? Ga twe ramapodisi o ne a supa fa ba tlaa se ke ba felele fela kwa kgotleng e tona, mme ba tlaa fetela kwa dikgotleng tse e leng tsone legae la borukutlhi go ya go rapela koo.

Selelo ya se ka ya nna borukutlhi fela. Bagolo ba kgala go nwa bojalwa mo re go bonang go dirwa ke bana gompieno. Ba kgala mokgwa wa go nna mmogo batho ba sa nyalana ba re ke one o nako nngwe o tlisang dipolao.

Fa e bega ka merapelo ele ya Letlhakane, Dikgang/Daily News (Dikgang Labotlhano Lwetse 25 2015) ya re;

‘Ramapodisi a Letlhakane….. a re o tshwentswe ke seemo sa borukutlhi jo bo ileng magoletsa kwa kgaolong ya gagwe ya sepodisi ya Letlhaklane.’

Lefoko le gompeno re tlaa buang ka lone ke ‘magoletsa.’ Potso ke gore, magoletsa ke eng, ke lefoko le le tswang kae? Lefoko la Setswana le le itsegeng ke ‘goletsa,’ le raya go tsholetsa. Pina nngwe ya re, banera (banner) e goletseng, e raya gore, e tsholetseng. Fa motho a sa apara sentle, mosese kana borokgwe bo le kwa tlase, go ka twe a goletse, go raya gore a tsholetse borokgwe boo, bo nne sentle mo go ene.  Mme jaanong fa go twe selo se ile magoletsa, go tewa se ile kae, se ile ntlha efe ya lefatshe?

E a re Mmualebe a bua ka Setswana sa gompieno se se sokameng se, bangwe ba re o batla go laolela batho gore ba bue jang. Ba re batho ga ba bolelelwe gore ba bue jang, bone ke bone ba buang ka fa ba ratang, ba batlang ka teng. Ee ba ka dira jalo ba bua ka fa bone ba batlang ka teng, le go gakololwa ba se ka ba batla go gakololwa. Mme fela a re itse gore fa selo se sa siama, ga se a siama. Yo o bonang selo se dirwa mme se sa siama, o tshwanetse go supa gore selo seo ga se sone le gore ga se a siama jang kgotsa fa kae.

Bangwe ba ka nna ba bua jalo ba re dilo di ile magoletsa mme Setswana sone se tlaa re selo, jaaka bone borukutlhi, se godile, se sentsi, se atile, se aname kgotsa se tletse lefatshe. Ga se ke se re dilo di ile magoletsa ka gore go bua jalo ke go isa Setswana go sele.motshwanes@yahoo.com