Blogs

A re go ja eng? (12)

Jaanong le fa mosepele o wa go ja……o ntse o ya pele jaana, re dumela gore e tlaa tla nako ya gore o wele, kana, o khutle, o fele. Go nne jalo o wele. E le oo, o wetse le rona re bone go ikhutsa, boikhutso. Mme ka letsatsi leo, ke leo, ga le ise le goroge, re ntse re lekela pele. E lele foreselaga mme re re, e tlaa re Motswana a ntse, a natefisa Setswana a re go na le go ja tlala.

Gongwe o botse gore e le eng go jewa tlala? Gape yone tlala eo, e jewa jang? Go go araba a re e le ka gore go a bo go se na dijo.

Ke gore ka lebaka lengwe, kgotsa, mabaka mangwe, go se na sepe se se ka jewang. Gone fa, a re ntshe sekai re re, ke yoo Sehudula o dikile a lemile. Ke ao a mo rata mabele, ya a rwala tshimo ya gagwe. Go bona e a rwele jalo, a itumela thata a dumela gore o tlaa dika a tladitse difalana le disigo. A tloga a a bona kae? Gape, e le kae thaga? Ya tla ya re, ‘Nna ke thaga ke fano.’ Ya a a ja. Sehudula o kile a re o a kuakuetsa a leta, a e koba, ya pala nonyane ya re, ‘Nna ke thaga fano ga ke tswe, ke a ja. Eo kgang ya gore moletathaga o ja natso, fa di e ja ka fa, ene o ja ka kwa, ga ke mo go yone. Ke tswa ke jele, tema e bonala. Ga ke fofele lefela ke a ja ke a  tswa. Gore moletathaga le mong wa tshimo ba sala ba a ja eng, eo kgang ke ya bone.’ Ya bo e le fa e padile nonyane. Ga nna fela jalo. Ya tla nako ya go roba.

A roba, a photha Sehudula mme a di bona kae difalana le disigo tse a neng a di solofetse? Boemong jwa tseo, a bona thobo fela e e seng ya sepe. E re a itekodisa ditsala a re o ne a lemile a re o a itemela nteko o lemela nonyane, o lemela thaga. Fa ba mmotsa gore o raya jang, a re o ne a tsoga moso le moso a ya tshimong a ya go leta mme thaga ke eo le yone ya lepalepana nae. A re e tsogele koo, e tlhole koo, e e ja mabele mo a neng a felela a itswela fela.  A fetele pele a re o bona fa go lema ga gagwe e ne e le matsapa a lefela fela ka ga go a mmusetsa sepe.

Jaanong ka letsatsi lengwe ke leo, Morogwana a tsena kwa ga Sehudula a mo jetse nala. Ke bao ba tlhola mmogo e le ditlotlo fela go sa jewe sepe mme yo wa moeng ene a gabagabega a batla dijo. Fa e setse e kete o tlaa itlhoboga gore ga go ke go jewe sepe bana ke bao ba tla ka megotswana, megopo e mennye, mme ba mo naya wa gagwe. 

A leba mme a bona mo teng e se dijo dipe tse dintsi tse a neng a di solofetse. Go bona jalo, a hakgamala a re,’Ao mma a re tlaa re re a ja gone mo?’ Ka go bua tsala Sehudula a se ka a e tseela gope. Ke gore a se ka a tenwa ke mafoko ao.  Fela a araba ka gore mo ga gagwe go jewa tlala ka o dikile a jetswe ke dilo.

A tswelela a re o ne a lema mabele nteko o lemela thaga. MMidi wa jewa ke sebokwana dinawa tsa jewa ke yone khukhwanyane ele, ene a sala fela. Gone fa, a tlatsa ka gore,’Jaanong jaaka o bona mma, mo ga me mo, re ja tlala. Letsatsi lengwe re tsoga fela. Le lengwe re tlhole fela mme le lengwe gape bana ba robale fela le fa e le go lalela ba sa lalela ka sepe.’ Tsala ya dumalana nae ya re, fa e le gore go ntse jalo, ga se seemo se se monate; ke gone go ja tlala tota. Sehudula a tlatsa tsala a re,’Go ntse jalo mma, ga ke tlhabe ape mainane.’

A tswelela a re e re a lelela gore dilo tsele di mo senyeditse, bangwe ba re a se lele ka le tsone ke dibopiwa tsa Modimo di tshwanetse go ja. Ba tlatse ka gore Morena o rile ga di leme mme di a ja; jalo he, re tshwana le tsone re se tshwenyege ka gore re tlaa ja eng. A re e re ba bua jalo, a se ke a nne le ape a dumele gore go ntse jalo ka ke leo, le ntse le a mo tlhabela le sejo sa letsatsi o a se bona. 

Jaanong ke yoo Sehudula o ja tlala ka o senyeditswe ke dinonyane a se ka a bona thobo e ntsi ele, e  a neng a e solofetse.

Mme gape, o ka ja tlala e se gore ga go na dijo mo ga gagwe. E le eng? Dijo di le teng mme ka mabaka mangwe a sa kgone go apaya a ja jaaka go tshwanetse. E le sekai a re re, ke yoo o nosi mo lwapeng. Ka ga a tsoge sentle o a lwala, ga a kgone go ema a apaya. Le tswa fela le bo le tlhatloge a ise a je sepe. Go ntse jaana, o tlaa nne a re o ja tlala ka ga a di bone gope..