Blogs

A re go ja eng (13)?

Ntsoma e le eng? Re botse Thanodi mme e re ntsoma ke tiro nngwe ya tsietso. Gape e fetele pele e re tsietso ke mokgwa wa go dira boferefere go sa lemogwe. Go ntse jalo, ke gone e tlaa reng fa ka mokgwa mongwe, tsela nngwe, motho a ka go direla boferefere, o sa lemoge, go sa lemogwe, go twe motho yoo o go jele ntsoma. Gone fa, e re a se tlhofofatsa Motswana a re motho yoo, o go tsieditse thata; mo go botlhoko.

Gone fa, a re tseye sekai re re, re kwa Khudiring naga, kana, thota jaaka Motswana a tle a bue, e  ntle thata ka e newa ke pula e bile e mmu o monate. Ka ke eo, ke naga e e monate, koo, bangwe ba a rua loruo lo ate, lo none, go nowe masi, go jewe madila nama le yone e ntse e le foo.  Ka fa, balemi le bone ba leme go jewe letlhafula. Morago go rojwe difalana le disigo di tlale go dike go ntse go jewa, tlala e sa bolelwe gope. E se go jela fela mo ganong mme gape go dirwa ditiro tse dingwe. O natefelelwe ke go letsa leino fela, o o ja o feletsa mo ganong, o dumela gore jwa pitse ke jo bo mo maleng. O tloge o tshele jang? Go nne thata. Jaanong, mongwe wa batho ba Khudiring ke mosimane ke yoo o bidiwa Sekhutlo. Leina le, e le seane se se reng Sekhutlo go bowa sa monwana sa pelo se eta le mong.  E re Motswana a  tlhalosa a re fa o ka supa motho ka monwana, le fa o ne o mo tenegetse thata, monwana oo, o tlaa boela kwa go wena kgang eo, e lebalwe. Mme, e re o tenegile jalo, o reye motho lengwe le le maswe, lefoko leo ga le ke le mo tlogele, ga a ke a le lebale. Le tlaa aga mo pelong ya gagwe. Go se ke go nne monate. Gongwe o botse gore ke eng e tlaa re diane dingwe di se mafoko a monate jaana, go rewe bana maina ka tsone? Karabo e re, seo e a bo e le go lemotsha, go ruta, Batswana ka dilo dingwe tsa botshelo. Nako nngwe go nne gone ba rutege. O tshabe go raya batho mafoko a e seng one ka a tlaa aga, a tlaa nna, mo dipelong tsa bone. Ga ba ke ba a lebale. Gape, motlha mongwe a ka lere ntwa mme go se ke go nne monate. Jalo he, a re ele tlhoko gore re buisa  ba bangwe jang re se dirise mafoko a a botlha a ba tlaa tshelang ba a tshotse, ba a tshwere, kana ba a hupile ka pelo.

Ke yoo mosimane a rewa leina ga twe Sekhutlo e le tlhagiso ya gore fa o bua le batho o ele tlhoko gore o bua jang o se tloge wa dirisa mafoko a a botlha gongwe ga tloga ga se ke ga nna monate mo go bone. A gola jalo Sekhutlo fa gare ga balemi le barui mme ene a se na epe kgatlhego ka tiro eo.

Fa go ntse go tla, dilo tsa fetoga. A bona fa le ene a tshwanetse go ema ka dinao a lekela botshelo. Gone fa, a ipotsa gore tsela pedi o tsaya efe. Fa mogopolo o ntse o ya kwa le kwa, a bona temo e le botoka ka tshimo ga e tsamaele gope le ntswa nonyane le diji tse dingwe le tsone di ntsi di le foo. A nna a tswelela a ja tlhogo, mme a bona kgomo e le thata ka e a bolola, e ya hula, e ya go nwa, mme e batle gore o bo o ntse o e setse morago e se re gongwe ya tloga ya ya le naga. Mogopolo o sena go wela foo, potso ya nna gore mme lone lefatshe la go lengwa le kae; tshimo o ya go e bona kae. A iphitlhela a le motho fela a se na tshimo. Kgang ya nna gore jaanong a simolole a batle lefatshe. Ke yoo, a tswa go ya le dithota.

A ise a ye gope kgakala, a kopana le Dikgatlhego mme a mo itekodisa gore o batla mongwe go mo thusa. Motho yoo, a ka mo fa, a mo adima, kana, a mo rekisetsa, go ya fela ka gore ba buisanya jang. Go utlwa a, Dikgatlhego a araba ka gore ene o na le tshimo e tona thata mme e bile bontlha bongwe jwa yone bo e ija fela. A botsa Sekhutlo gore o batla ditema tse kae. Mosimane a araba ka gore ka o sale kwa tlase, o batla ditema tse di fa gare ga botlhano le lesome fela. A itlhaganela Dikgatlhego a re ene o a rekisa tema ke maroba a mane, namagadi tse pedi, tonanyana tse pedi.

Sekhutlo a bona seo e le tlhwatlhwa e e kwa godimo thata. O kile a re o a rapela, yole a re ene o feletse foo ga a wele kwa tlase. Ya pala kgang mosimane a boela morago a iphotlhere. A tsena kwa gae, a itekodisa batsadi mme ba araba ka gore bone ba bona sa ga Dikgatlhego e ne e le go batla go ja ngwana ntsoma fela. Mosimane a re le ene  o ne a bona jalo fela ke sone se a neng a tlogela. A wena o ne o ka dumela go jewa ntsoma?