Blogs

A re bue gape ka go jela

Re ne ra re, fa Motswana a re motho o jela tlase, o raya gore ka mabaka mangwe  motho yoo  ga a tshele sentle. Gongwe bana ba bantsi mo lwapeng mme ga a kgone go ba jesa le go ba apesa sentle. Gongwe ditiro tsa lwapa la gagwe di dintsi mme ene ga a na dithata dipe tsa go dira ditiro tseo. Botshelo bo nne thata mme go twe motho o jela tlase.

Re ne ra bua gape ka go jela tlhakeng mme ra re, motho yo o jelang tlhakeng, ke motho yo o jang papadi ya gagwe kana pereko ya gagwe, e sa ntse e le koo, ene a ise a e tsenye mo seatleng. Fa e le madi (tuelo) a tiro nngwe e a e dirang, le go amogela madi ao a ise a a amogele. Batho  bangwe e a re kgwedi e ise e fele, ba tshwarise madi a bone ka go tsaya dilwana kwa le kwa, le one madi tota ba adime fale le fale, tumalano e le gore dilwana tse, le one madi a, di tlaa duelwa kgwedi e fela. E fele kgwedi  mme e re  go amogelwa, madi ao a fete fela jaaka phefo motho a duela kwa a neng  a adimile teng. Ene a sale ka eng?  A se ke a sale ka sepe mme e bo e le gone fa a jetse  tlhakeng. Tse ke dingwe tsa dikai tse re neng ra di ntsha maloba go tlhalosa lenatetshapuo le. Jaanong a re fetele pele re bone gore lenatetshapuo le, le ka dirisiwa jang gape.

E ntse e le Motswana o a tle a re motho o jela mo ganong. Gongwe mongwe a bo a ka botsa gore mme motho fa a sa jele mo ganong, a bo a ka jela kae?  A botse gore, a legano ga se lone tsela ya ntlha ya dijo go fetela kwa maleng? Go ntse jalo.

Gore dijo di fetele kwa mpeng le kwa maleng ke gore pele di tsene ka legano. Mme fa Motswana a re motho o jela/jetse ganong, foo o a bo a natefisa puo a sa reye gore motho o ka bo a sa tsenya dijo ka legano. Mme gone go raya eng fa go twe motho o jela/jetse ganong?

Re itse fa botshelo e se sepe fa e se fela go tshela ka go ya majako; go batla ditiro. Bangwe ba a tle ba segofale ba bone ditiro mo gae, ba bangwe ba tlole melelwane ba ye go jaka kwa nageng di sele. Mme fela, maikaelelo e a bo e le gore e re motho a boela gae, a tle a tshotse sengwe se se tlaa mo thusang go nna a tsweledisa botshelo mo gae. Bangwe go nne jalo e re motho a boa kwa majako a tle a tshotse sengwe. Ba bangwe ba itlele fela ba sa tshola sepe, ba jetse mo ganong.

A re tseye sekai re re e rile a bona go le thata, Tepo a tswa mo gae a ya go batla tiro kwa Dikgaganeng. A segofala a e bona, a hirwa ke Ketabosigo Bus Service e le mokgweetsi. Madi le one, le fa a ne a se kalo, sengwe o ne a se bona, a ka kokotletsa a totobela fa pejana. Bothata ya nna eng? Bothata ya nna go dutla diatla le go rata poko. E re kgwedi e fela, Tepo a phuthe ditsala, go etelwe kwa le kwa, go nowe, go jewe menate e yotlhe. E re malatsinyana fela morago ga kgwedi e fela, a bo a bile a iphotlhere, mo lwapeng la gagwe go se na sepe; go ntse go setlha fela. Ene a le foo a tlhoname e bile e kete ga a ise a ke a tshware madi ka seatla. Motho wa go nna jaana, ke ene yo e tlaa reng kwa morago go twe lo bapetse eng bajaki, a palelwe ke go araba ka ga a tshola sepe. o jetse papadi  yotlhe mo ganong.

Motswana gape o a tle a re go na le go jela tlala a raya gore motho o ja fela mme dijo tse a di jang ga di monate. Gongwe dijo tseo ka tsela nngwe ga di a apeega. Gongwe di tlopetswe letswai, di mahura thata kana ka tsela nngwe di senyegile. Mme ka tota motho o ikutlwa a tlhaeditswe ke tlala, ga a jele gore dijo di monate, o ja fela go tshegetsa  mowa.

E ntse e le Motswana a re go ja moo, ‘Ga se go ja ke go imetsa mala.’ motshwanes@yahoo.com